Top Banner
Page 1 of 22 Shangoni Management Services (Pty) Ltd Directors R B Hayes J Nel J A van Rooy C J Potgieter H L De Villiers K Pitje METSOTSO YA KOPANO AQUILA STEEL (S AFRICA) (PROPRIETARY) LIMITED POROJEKE YA MELETSE IRON ORE KOPANO YAGO TSEISA SECHABA KAROLO, 07 MOPITLWE 2015, KUMBA IRON ORE HALL, THABAZIMBI, 10:00 MINING RIGHT REF NO: LP30/5/1/2/2/10071MR; EIA REF NO: 12/1/9/2-W50; NEAS REF NO: LIM/EIA/0000727/2013 Batla kopanong: Maina a batla kopanong a kwadilwe ko tafoleng ya bobedi mme mo tafoleng ya ntlha go kwadilwe di ngongorego, ditshwaelo le di dikarabo tsa teng. Tafola ya ntlha: Dipuisano tse nedi tshwerwe, di ngongorego le ditshwaelo tse tlhagisitsweng ko kopanong DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO JN o amogetse batla kopanong le go ba itsise batseya karolo mo porojekeng. JN o tlhalositse tsela e kopano etlo tsamaisiwang ka yona. - JN o ne afa BH marapo. JvB o file lemorago la Aquila Steel, gore Aquila e busa ke bo mang le overview ya porojeke mme MMa o ne e toloka/tlhagisa ka setswana - BH o tlhagisa tlhagiso e yotlhe (Anexure A) mme MMa a toloka/tlhagisa ka setswana. TMoi o dumedisitse batla kopanong le go ka supa gore sechaba ase dire le go ka bolela gore baagi ba Thabazimbi ba batla boepo ebile ba fela pelo gore o bulwa neng. JvB o fetotse ka gore go boima goka araba potso eo.
22

Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Aug 28, 2018

Download

Documents

haxuyen
Welcome message from author
This document is posted to help you gain knowledge. Please leave a comment to let me know what you think about it! Share it to your friends and learn new things together.
Transcript
Page 1: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Page 1 of 22

Shangoni Management Services (Pty) Ltd Directors R B Hayes J Nel J A van Rooy C J Potgieter H L De Villiers K Pitje

METSOTSO YA KOPANO

AQUILA STEEL (S AFRICA) (PROPRIETARY) LIMITED POROJEKE YA MELETSE IRON ORE – KOPANO YAGO TSEISA SECHABA KAROLO, 07 MOPITLWE 2015, KUMBA IRON ORE HALL, THABAZIMBI, 10:00

MINING RIGHT REF NO: LP30/5/1/2/2/10071MR; EIA REF NO: 12/1/9/2-W50; NEAS REF NO: LIM/EIA/0000727/2013

Batla kopanong:

Maina a batla kopanong a kwadilwe ko tafoleng ya bobedi mme mo tafoleng ya ntlha go kwadilwe di

ngongorego, ditshwaelo le di dikarabo tsa teng.

Tafola ya ntlha: Dipuisano tse nedi tshwerwe, di ngongorego le ditshwaelo tse tlhagisitsweng ko kopanong

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

JN o amogetse batla kopanong le go ba itsise

batseya karolo mo porojekeng. JN o tlhalositse

tsela e kopano etlo tsamaisiwang ka yona.

-

JN o ne afa BH marapo.

JvB o file lemorago la Aquila Steel, gore Aquila

e busa ke bo mang le overview ya porojeke

mme MMa o ne e toloka/tlhagisa ka setswana

-

BH o tlhagisa tlhagiso e yotlhe (Anexure A)

mme MMa a toloka/tlhagisa ka setswana.

TMoi o dumedisitse batla kopanong le go ka

supa gore sechaba ase dire le go ka bolela

gore baagi ba Thabazimbi ba batla boepo ebile

ba fela pelo gore o bulwa neng.

JvB o fetotse ka gore go boima goka araba

potso eo.

Page 2: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 2 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

O rile gore o bone gore go nale Dithuto tsa bio-

diversity offset tse tshwanetseng di diriwe mme

o rotloeditse batlhagise ba porojeke gore ba

tswele pele ka porojeke, ba seke ba latlha

tshepo.

O botsisitse gore go batlega bokgonogi bo bo

yang ko boepong gore batho ba kgone gotswa

ba ipakanya.

O itse be tlile go batlabatho ba go kgwetsa

diteroko, di artisan, btho bao dirisa di diriswa

tsao epa,ba setegeniki le ba taolo e kgolo le e

nnye.

Aquila e tlile go dira tlhatlhobo ya bokgoni goka

supa gore ke bokgoni bo bo feng bo batho ba

nang le bona le go ka ba bolella batho gore ke

bokgoni bo bo feng bo batlegang.

JvB o rile ba tlile go ka labella batho ba dirileng

grade 12, ba nang le di qualification le ba nang

le experience.

JvB o rotloeditse baagi gore ba leke go ka ithuta

dilo dile dintse gore ba fitlhele bokgoni le gore

ba dire grade 12.

SW o botsisitse Aquila gore e tlile go thapa

baagi ba Rooiberg ba bakae.

O botsisitse gore go tlile go diriwa eng goka

netefatsa gore batho ba thapiwang ke bako

Rooiberg eseng bako mafelong a mangwe.

MM o arabile ka gore Aquila e tlile go dira audit

ya bokgoni goka bona gore ke bokgoni bo feng

bo baagi ba nang le bona.

O tlhalositse gore jaaka karolo ya mano a loago

le ditiro (Social and Labour Plan (S&LP)) thata

thata karolo ya tlhabolllo ya di resource tsa

batho, di company ditshwanetse di supe gore di

tlile go oketsa byang bokgoni ba baagi mme fa

audit ya bokgone e feditswe, go netefaditswe

gore ke bokgone bofeng bo feng bo bo

batlegang ko boepong ba tlile goka fetola mano

a bona ago tlhabolla di resource tsa batho gore

batho ba kgone go fitlhela bokgoni bo

tlhokegang ka S&LP. Thuto e yao etlile go

netefatsa gore baaagi ba thapiwa ke boepo.

MM o supile gore ba batla go thapa baagi bamo

Page 3: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 3 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

gaufi ba bantsi ka mokgo ba ka kgonang ba

tswang ko

SW o botsisitse Aquila gore ba ka kgona go ka

ba netefaletsa gore baagi ba Rooiberg ba tlile

go thapiwe.

JvB o arabile ka gore Aquila e kase kgone goka

netefaletsa gore baagi ba Rooiberg ba tlile go

fitlhela tiro. O rile go tloya ka bokgoni bo

batlegang ko boepong le bo batho ba nang le

bona.

O tlaleleditse ka gore ase baagi ba Rooiberg

fela empa ba Alma le region e yotlhe..

JvB o rile Aquila ga e batle go ka dirisa bokgoni

ba ko ntle, e batla go dirisa bokgoni bo leng

teng mo lefelong.

ZM o rile batho ba bantsi ba dirileng ko

meopong e mentsi ba nale kitso ya go dirisa

ladders, excavator, di teroko le dilo tse dingwe.

O supile gore batho ba bantsi ba kgona go

dirisa machine tsako boepong empa ga bana

ditokelo tsa goka dira jaalo (di license le di

qualification), mme ena one a botsa gore a go

tlile go batliwa di license le di qualification ko

boepong bo.

O botsisitse gape gore go tlabe go nale Badiri

ba di kontraka ba tlabeng ba dira pele Boepo

bo bula.

MM o rile ba ba nang le experience ba tlile go

lekiwa go bona gore ba nale bokgoni ka nnete

mme Boepo bo tlile go kaba thusa goka fitlhela

di qualification ntse ba dira ko boepong.

MKg o rile o bone go bolediwa kadi training tsa

di savings mme o boditse sechaba gore

tshwanetse ba tlhaloganye dituelo le botlhokwa

ba di position tsa bona

O rile ena ke service provider (catering) mme o

JvB o rile se ausi MKg ase boletseng se

botlhokwa. Batho ba tlhoka go tlhaloganya

ditlamorago mo dituelong ge basa tseye tiro ya

bona ‘serious’.

Page 4: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 4 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

rata go ka itse gore gwa kgonagala gore aka

dira ko boepong le gofana ka di services gape.

JvB o rile o bone badiri ba dira gore company e

tswalle. O rile Badiri ba dira pharologanyo tirong

mme go botlhokwa gore ba dire company e

tshele.

JvB o arabile ausi MKg ka gore ga go

kgonagale gore motho aka direla lego ka

neelana kadi service mo company fa ena le

company a idirelang ba sa utlwana ka ge eka

kgoreletsa kgatlhego ya motho. O rile motho

tshwanetse a nne modiri kgotsa a neelane ka di

services eseng gore a dire dilo tse pedi.

MK o rile o utlwile go bolediwa ka FET college

e planniwang go bodiwa. Mme ena ne a

botsisa dipotso tse latelang:

1. FET eo e tlile go agiwa ke Aquila?

2. Aquila e tlile go patalla baithuti ba tlabeng ba

ithuta koo?

3. Ba sa batleng go dira dithuto tse

tsamaisanang let sa bepo ba tlile go thusiwa ka

madi nah?

MM o rile FET college e planiwa go agwa ke

Thabazimbi Local Municipality eseng Aquila. O

tlhalositse gore tshedimosetso ena ba e fitlhetse

ko Integrated Development Plan ya masepala.

MM o rile Boepo bo tlile goka thusa baithuti ba

tlabeng ba ithutela dithuto tse amang le boepo

mme fa go nale madi a setseng (empa ga a

nagane gore e tlile goba teng) ba tlile go ka

thusa bao basa direng dithuto tsa boepo empa

tshwanetse ba rotloetse pele.

DR o rile o rata goka elisa batho tlhoko gore go

nale dithulaganyo tse dinchi tse tshwanetseng

go fitiwe mo tsona pele boepo boka budiwa.

One are boepo bo tshwanetse goka ela seo

tlhoko pele baka tshepisa batho ditiro

DR o rile thulaganyo e nngwe ke e releng mo

yona jaanong e eleng ya pegelo ya ditlhatlhobo

tsa ditlamorago mo tikologong (EIA). O supile

gore pegelo ya EIA a sonke e submitiwe jaaka

JN o rile ditshwaelo tsa DR di tseilwe tsiya.

JN o tlhalositse gore karolo ya thulaganyo ena

ke go ka supa ditlamorago le go ka supa gore

ke ditlamorago tse feng tse ka fedisiwang

kgotsa tsa gafodiwa mme fa go sa kgonagale, di

supiwe jaaka ditlamorago tse irreplaceable.

Page 5: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 5 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

pegelo ya mafello le gore baagi le sechaba a

sonke ba nne le monyetla wa goka e lebella

ebile le EAP a sonke e fetse application ka

gonne go nale diphatlha le diphoso dile dintsi

mo kopong.

DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo

pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa

siamang tse tlileng go tlholega mo ikonomi le

bojanala thata mo game breeding

DR o rile rramatlhale a dirileng dithuto tsa

tlhatlhobo ya ikonomi o supile mo pogelong ya

gae gore ena ga itse go tlhakantsha gore

bokotsi ba kopo ya boepo e tlile go nna eng mo

game breeding.

O rile gore lege go tlile go na le tlholego ya

Ditiro dile 129, go nale kgonagalo ya gore go

ka nna le Ditiro tse ding tse latlhegang. DR

witse tshwanetse re seke ra latlhegelwa ke go

lebella ditlamorago tse tlalellaneng tse boepo

bo ka nnang le tsona.

DR o rile re tshela mo lefatsheng le eleng gore

Ditiro tsa sokodisa mme go thapiwe go

botlhokwa mara go tlhokega gore re netefatse

gore go nna le ditiro tse sustainable tsa lobaka

lo le leele eseng ditiro tsa lobaka le khutswane.

DR o rile go nale y a tshwanetseng ka

ditlamorago tsa Bojanala ko kopanong e

fetileng ya Ngwanatsele mme Aquila ete pofile

goka labella ditlamorago tseo mara

Page 6: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 6 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

ditlamorago tseo adi teng mo pogelong le mo

tlhagisang. DR o supile gore ga ba itse gore

ditlamorago di tlile go nna tse feng mo

bojanaleng.

O rile go sa nale dilo dile dintse tse disa

itsiwing le gore ditlamorago mo bojanaleng ga

di itsi mme go seke gatwe boepo bo tlile go

bula ka letlha le riling le gore go tlile go nna le

ditiro.

DR o rile go nale dingongorego tse dinchi tse a

batlang go ka di buwa.

EN o botsisitse gore go tlile go nna le batho ba

dirang ko boepong pele boepo bo bula le pele

kopo tsa bona di arabiwa

JvB o arabile ka gore ga gona sepe se se tlileng

go diriwa pele ba fitlhela ditetletlo tse

tshwanetseng. JvB o supile gore go tlhokagala

tetlelelo ya go dira ditiro tse kwetseng ko

NEMA, tetlelelo gotswa go SAHRA le di

Laesense tsa metsi le matlakala

TJM o botsisitse gore ba sa tsenang sekolo ba

tlile go neiwa sebaka sa go fitlhela tiro nah.

TJM o sugestile tsela e fetang Trollope go ka

dirisiwa go tsamaiso didirwa.

JvB o arabile gore tsela e TJM ae suggestileng

ke tsela e ntse bae kgethile (tsela ya borwa)

JvB o tlalelleditse ka gore mabapi le ba sayang

sekolong, go tlilwe go lebelliwa experience

NB: Ne go nale gose utlwisisane magareng ga

MMa le TJM ka tsela e TJM ne ae akantse.

MMA ne a utlwile nkare TJM are tsela e fetang

ko Bela Bela. O mongwe wa batlakopanong o

phosollotse MMa gore TJM o bolela ka tsela ya

Klipgat e eleng tsela e ntse Aquila e akantse

goe dirisa.

Pele MMa aka phosolliwa, JvB na setse a

Page 7: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 7 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

arabile gore ga go tloba turela goka dirisa tsela

eo.

AN orile gore o lemositswe gore Madimatle ke

lefelo la moya le setso mme lfelo le le

botlhokwa thata mo maAforika Borwa a otlhe le

gore boepo bo tlile go senya lefelo leo.

O supile gore boepo bo tlile go tlosa karolo ya

godimo ga thaba ebile e ile go latlhela matlapa

a mantsi mo letlhakoreng la boepo

O tsweletse pele ka gore go tlile go nna le

modumole gore aka se kgone go bolela gore

modumo oo o fitlha kae kage pegelo ya dithuto

tsa modumo esa bontshe gore modumo oo o

fitlha kae. O rile go tlabe go nale diteroko tse

fetang ko tseleng diura dile 24.

O butsisitse gore ba tlile go latlhela matlapa a

senang mosola lobaka lo lokae ka gonne o

kgolwa gore etlo nna mengwaga e masome. O

tlhalositse gore lefelo la tatlhelo ya matlapa a

senang mosola le dumella fela di tons 156

million mme ka mengwaga e masome ba tlile

go tlhoka di tons tse 360 milllion. AN o

botsisitse gore di tons tse 200 million di tlile go

latlhediwa kae pele ga ba simolla go khupetsa

mosima ka tsona.

AN orile go nale dilo dile dintse tse eseng di

naganiwe sentle le gore go nale diphatlha dile

dintsi tsa kitso le gore pele ga tshwaetso epee

ka diriwa, go tlhokagala gore di itsiwe.

AN orile Aquila e ikanne ko tsebeng ya 532 ya

JvB o phosollotse AN gore bogolo ba waste

rock dump bo kadi cubic meters eseng di million

tons, jaaka e kwetswe mo pogelong. Orile ke

156 million cubic meters, ke bogolo bo bo

batlegalang botshelo botlhe ba boepo.

Page 8: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 8 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

kopo ya go dira boepo go ka declarer lefelo la

Madimatle lefelo la loago la porofense le naga

mme jaanong Aquila e kgatlhanong le seo.

AN o butsisitse gore Aquila e tlile go latlha

byang matlapa a bona a senang mosola ;e

gore bamo tlhalosetse taba ya go tsamaisa ga

didirwa tsa bona ka ge go nale tsela e ntṧha e

bas a itseng gore ditlamorago tsa yona.

AN orile go ikanwe (ko s24G) gore ditsela tse

dirilweng fa gone go batliwa diminerale tse dika

se dirisiwing di tlile go lokisiwa. One a butsisa

gore goring disa lokisiwa.

AN o kgopetse JvB gore a ke di million tons tse

kae tse tlo diriwang bo botshelong botlhe jwa

boepo.

JvB o tlhankatsheditse AN.

O 65 million tons ga 8.6 e tsamaela mo bo 600

million tons mme ebe e dividiwa ka density yao

tsamaela mo 3.7.

AN orile pegelo e ena ae badileng e kwetse

156 million tons

JvB o rile ke cubic meters eseng tons.

AN o botsitse gore goring Aquila e ikanne ko

pegelo ya EMP go ka declarer Madimatle

Lefelo la setso mme janong eya appeala.

JvB orile issue ke Madimatle jaaka Lefelo eseng

thaba ya Meletse.

JN o rile Shangoni e notile ditshwaelo tsa AN le

gore ke ka moo go supilweng ko pogelong gore

ke irreplaceable loss le gore Shangoni e

palletse ko tshwetso ya bona ka gonne taba oe

a sonke e addressiwe.

CM o botsisitse gore ba ileng ko ABET bona ba

tlilo go dira yang ka bona

MM o supile gore goya ka molao wa thuto , level

5 ya ABET e tshwana le certificate sa

Page 9: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 9 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

marematlou.

O rile gore ga gona taba gore o dirile

marematlou ko sekolong se tlwaelegileng

kgotsa ko ABET, go no tshwana.

MM o rile ba kase kgetholle batho ba tseneng

ko skolong sa ABET.

GM o rile o berekile mengwaga e me ntsi ko

meepong mme se a se lemogileng ke gore

gantsi o fitlhela ba botsisa gore o bolela loleme

le le feng. [Go naganilwe gore GM aka ba a

batla go botsisa gore ke loleme le feng le

Aquila e tlabe ele dirisa ko boepong kgotsa ke

le feng le tlabe ba le preferrer]

O botsisitse gape gore boepo bo ile go nna

porojeke kgotsa ke boepo bo permanent.

JvB o rile ba rulaganya go dira boepo bo

permanent eseng porojeke. O rile boepo bo tlile

go tshela dingwaga dile some le borobedi(18)

empa eka feta dingwaga tseo fa go ka nna le di

resources tse enough.

JvB o rile loleme ke taba e boima mo Aforika

Borwa. Go nale maleme ama some le bongwe

(11) mo Aforika Borwa ebile a tshwanetswe go

tseiwa tsia mme loleme le ba tlileng gole dirisa

ke sejatlhapi.

Orile ka gonne porojeke ena e mo lefelong le go

bolediwang Setswana, Setswana se tlile go nna

loleme le le tlo bolediwang thata ge go bolediwa

dilo tsa pholo le tshireletso.

EM o botsisitse gore boepo bo ilo simolla go

dira neng

JvB o arabile ka gore DR o rile Aquila e ele

tlhko taba eo mara Aquila yona ene e ikaelletse

go ka simolla mo magareng kgotsa ko mafelong

a ngwaga wa 2016.

JvB o boletse gore go nale dithulaganyo tse

dintsi nyana tse tshwanetseng ba di fete pele le

meleko gape. Bane ba ikaelletse go simolla ka

2016 mme fela seo se ka fetoga.

Page 10: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 10 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

DR o rile go nale dikano tsa go dira dithuto

dinwge tse di entsweng ka kopano ya

Ngwanatsele mme tse ding tsa dithuto tseo ke:

- Tlatlhobo ya ditlamorago mo bojanaleng

- Tlhatlhobo e feteletseng ya ditlamorago tsa

go thunya lefatshe mo gotsheleng ga

dimamanthane

-Dithuto tse tseneletseng tsa loago le

dipatlisiso ka metsi akamo fatshe ga lefatshe

DR o rile o bone go nale dithuto tse disa tlileng

go diriwa.

DR o supile gore pegelo ya EIR e kase loke

goka romelwa ka di 05 tsa Moranang fa goka

lebelwa dipatlisoso tsa borramatlhale.

DR orile Aquila e ikanne goka dira tlhatlhobo

ya ditlamorago mo bojanaleng mme dithuto eo

asonke e diriwe ebile aya kwadiwa jaaka thuto

esa tlileng go diriwa

DR orile tshimologo ya pegelo ya thuto ya

metsi afa tlase ga lefatshe e supa gore go nale

metsi a itekanetseng mme ko gare ga pegelo

ere ga gona metsi a itekanetseng mme se se

ra gore pegelo e nale di ‘shortfalls’.

DR orile o tsholofela gore Shangoni ga ilo

diriwa monyetla ona jaana ‘tickbox’ ya gore

bare ba nnile le kopano ya sechaba mme ba

file batho monyetla wa goka tshwaela.Orile

baka rata goka fithela monyetla wa goka

labella ditokomane tse tsotlhe kage molao o

MM orile SLP e romelwa go DMR mmogo le

kopo ya ditokelo tsa go dira boepo, mme setse

e rometswe mara Aquila ete kanne goka boela

morao e lebelle SLP eo ka gonne ka nako e

eleng magareng gago romela kopo le gore kopo

eo e arabiwe ke e telle.

MM o tlalelleditse ka gore Aquila e ikanne ka go

ka dira dipatlisiso tse dingwe goka bona gore ke

ditlhokwa tse feng tse baagi badi tlhokang lego

kadi tshwantshisa le ditlhokwa tsa bona tsa pele

goka netefatsa gore dilo tse neba di kwadile ko

polaneng ya bona ya kakangwa di sale tsa

nnete mme fba ka fitlhela gore asi sale tsa

nnete ba tlile go ka fetola polane eo.

Page 11: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 11 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

supa gore di I&APS di tshwanetse goka neiwa

monyetla wa goka labella le go tshwaela mo di

pegelong pele bamolao baka labella. O rile o

batla Shangoni e ikane ka seo.

Orile ge Shangoni esa itse gore e tshegeke

kgotsa esa tshegetsa, e dumele kgotsa e

ganane le porojeke, e tshwanetse go latella di

principle tse kwetsweng ko molawaneng wa

NEMA o supang gore EAP aya tshwanna goka

gatella selo se seseng sustainablemm go

palliwa goka netefatsa gore se tlile goba

sustainable mo sebakeng se seleele se

setlang.

DR orile tse tsotlhe tse adi buileng o tlile godi

romela ka lekwalo.

DR orile ditlhatlhobo tsa borramatlhale ba

bangwe a dia fetolwa go tsamaisana le

tshedimosetsa e ntṧha.

Orile dilo tsa fetoga fa porojeke entse e

diriwale ditlamorago tsa fetoga mme le dithuto

tsa borramatlhale di tshwanetse goka bolela ka

diphetogo tseo mme ka sebaka seno, adi

bolele ka tsona.O boletse gore go itshepetswe

tshedimosetsa ya kgale go tshegetsa kopo.

DR orile Shangoni e itsise LEDET gore ga ilo

kgona goka romela pegelo ka di 5 tsa

Moranang [2015]

DR orile o rata goka bona lekwalo le letswang

ko LEDET le bolelang ka ditsela le Johann a

boletseng ka lona. O rile lekwalo leo ga la

Page 12: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 12 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

beiwa phasalatseng mme bona baka rata go

lebona.

DR orile go botlhokwa gore batho ba

tlhaloganye pharologanyo magareng ga

thulaganyo ya EIA le ya boepo ya MPRDA

mabapi le S&LP.

O supile gore audit ya bokgone le go baakanya

ke karolo ya S&LP me aka rata go tlhaloganya

gore kopo ya ditokelo tsa go dira boepo di tlela

kae ka se sebaka.

SW o botsisitse gore audit ya bokgoni e dirilwe

jaaka karolo ya S&LP

MM orile ena o dirile survey e khutswane go

bona gore go nale di bokgone bo yang ko

Regorogile le Rooiberg mmea netefatsa ka

tshedimosetsa gotswa go Statistics SA.

Dr o botsisitse MM gore karabo ya ga eke

aowa.

MM o tlhalositse gore Aquila ga ya dira audit e

felletseng y a bokgone. O rile go tlwaelegile

gore audit ya bokgone e felletseng e diriwe

morago ga gore go fitlhwelwe ditokelo tsa go

dira boepo ka gonne ka nako eo tlabe ba itse

gore porojeke e tswellla pele le gore ba tlhoka

bokgone bo feng.

MM o rile go dira audit ya bokgone ko

tshimologong go buseletsa dilo le gore e tlhola

di ditsholofelo tse company e kase kgone godi

dira mo tshimologong ya thulaganyo ya kopo ya

tokelo tsa go dira boepo.

MM are DR o supile gore ga gwa loka gore go

isiwe di tshepo tsa baagi kwa godimo pele ga

goka fitlhela ditokelo tsa molao tse

tlhokagalang. O butsisitse DR gore ga

Page 13: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 13 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

dumelane le ena nah.

BH orile LEDET e gatelletse gore EIR e

tshwanetse go romelwa ko bona mme ge e ka

se romelwe e tlile go tswalla kopo ya bona.

BH o tlhalositse gore ba kwetse ko pegelong g

nako e gafoditsweng ya thulaganyo e batshwere

matsogo

BH o boditse DR gore a kwale ditshwaelo tsa

gae tso tsotlhe adi romele ko Shangoni mme ba

tlile go kadi araba ko pegelong ya tlhatlhobo ya

ditlamorago tsa tikologo (EIAR)

KS o supile gore Aquila etswa ko Australia,

mme seo se raya gore di investors tsa boepo

ke batswa kwantle le gore boepo bo ile go

diriwa ko lefelong la ngwao. O botsisitse gore

maAforika Borwa a ilo neelana ka naga ya

bona e kgethegileng.

KS o botsisitse gore ago siame goka neela ka

naga e kgethegileng go ka aga boepo. O

botsisitse gore dituelo tsa go dira jalo di tlile go

nna ‘enough’ go ka patella se se tserweng mo

Aforika Borwa le ngwao ya yona.

JN o lebogile KS ka tshwaelo ya gae le go dupa

gore o nagana gore tshwaelo ya KS e maleba

mme e tlile go kwadiwa ko pegelong.

JN o tile fa KS aka tshwantshanya pegelo ya

dithuto tsa ekonomi le ya dithuto tsa ngwao o

tlile go bona ditlamorago le stela ya goka gafola

ditlamorago tsa ekonomi vs tsa loago

BH orile go tlalelletsa no tabeng e, LEDET e

kopile gore status sa kopo ya go shirelletsa se

bonagale ko pegelong ya tlhatlhobo ya

ditlamorago tsa tikologo (EIAR) mme Shangoni

e supile mo pegelong ya bona bo ‘uncertainty’

mabapi le taba tsa loago le gore eo ke lebaka le

leng le kgoreletsang Shangoni goka bolela gore

e tshegetsa kgotsa ga e tshegetse pegelo.

MM o tlhalositse gore fa a simolla go berekela

Aquila ka 2012, ba mo lemositse ka cave ya

Page 14: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 14 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

Madimatle. Cave e tlositswe mo lefelong le le

kopetsweng tetla ya go dira boepo mo lona. O

gatelletse gore cave ase karolo ya lefelo le ba

kopileng tetlelo ya go dira boepo.

MM o tlhalositse gore se se etsagetseng ke

gore Aquila e utlwile gore cave e kgomane le

Thaba mara a sonke ba batlisise taba eo.

MM o tlhalositse goya ko pele are a sore Aquila

e batla goka senya lefelo la loago le setse le

gore e nngwe ya di patlisiso tse dilo iriwang ke

patlisiso ya bobedi goka batlisisa loago la lefelo

leo.

Orile se Aquila ne ese itse ne ele gore go nale

cave mme jaanong e botsiwa gore cave eo

ekaba e kgomane le thaba mme ba ile go

batlisisa mme fa ele nnete ba tlile go ka buisana

le sechaba.

MM orile Aquila e ikantse goka declarer

Madimatle jaaka lefelo la loago mme jaaka a

boletse, fa Aquila ene e bolela jalo, ene e itse

Madimatle e fella mo cave fela. MM o rile Aquila

ene e sena bothata lego kae declarer jaaka

lefelo la loago.

JM o rile Aquilla e utlwagala ele company e

kgolo le gore baagi ba nale ditshepo tse digolo

mara ga bana bokgone.

O botsisitse gore Aquila e nalew di learnership

tse baagi baka romelang kopo ya tsona

sanstene ba emetse boepo bo bule.

MM o rile go bua nnete aquila ga e investe mo

go tlhabolleng ga bokgoni mo SA ka gonne

abana madi ago dira jalo.

MM orile ka sebaka se, Aquila e tswelepele ka

go batlana le di minerale mme ba tshegetswa

ke company e kgolo ka madi.

Page 15: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 15 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

SW orile boepo bo ntse ko nageng e ya

conservancy e golo , e nane le diphologolo tsa

naga mme go oketsega ga batho le pharakano

mo nageng e tlile go oketsa go tsomiwa ga di

tshukudu (rhino)

SW o botsisitse gore ana se a se buileng se

kwadilwe mo pegelong le gore ba ‘advicer’

gore go diriweng k-goka foklotsa kgotrsa go

kgorelletsa go tsomiwa ga ditshukudu.

BH o supile gore di risk tsa go oketsega ga

batho di tlhatlhobilwe ko dithutong tsa tlhatlhobo

ya ditlamorago tsa "social" ebile o file le dikao

tsa di risk tse supilweng. Go tsumiwa gadi

tshukudu gawa boledisiwa kamo pegelong.

JN orile SW aka romela ditshwaelo ko Shangoni

mme Shangoni etla supa tshedimosetso e

maleba mabapi le ditsela tsa goka fedisa kgotsa

go gafola ditlamorago

AN o botsitse gore duthuto tsa ekonomi di

dirilwe tlhwatlhwa ya stock exchange ele

bokae.

AN orile tlhwatlhwa ya iron e nale influence

mme gantsi fa tlhwatlhwa tsa boepo dile

godimo thata boepo boa tswalla, O botsisitse

gore boepo abo feasible mo pointeng efeng.

Johann orile o setse a arabile potso eo ga some

mara o tlae araba gape.

AN o supile gore Johann gore Johann wa

mmifela. AN orile ena ga a rate ka mokgwa o

Johann amo arabang.

JN o kgopetse JvB a kgopele tshwarelo

JvB o kgopetse tshwarelo

JvB o tlhalosa gore tlhwatlha ya iron ore ya

loobaka lo loleele ne ele 100 dollars ge ba

simolla go dira dithuto.

JvB orile ditlhwatlha di ya godimo le fatshe mo

marakeng mme jaanong tlhwatlhwa ke 60

dollars mme tlhwatlhwa ya lobaka lo loleele e

kastwa eba 80 – 85 dollars

JvB o tlhalositse gore fa ba simolla dipatlisiso

tsa bona, tlhwatlhwa ya rand-dollar exchange

ne ele R8.50 mme jaanong ke R11.80, Orile go

Page 16: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 16 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

nale dilo dile dintsi tse felolang di dainamiki tsa

ekonomi le gore boepo bo tlile dira madi kgotsa

jang.

JvB orile challenge e kgolo ke gore ba dire

Transnet gore efe Aquila rate e ntle kagonne

offer ya jaanong e oketsa boleng gabedi.

EBN o tshwaetse ka gore go tlile go nna ledi

teroko tse tsamaelang go 800 tse tlabeng di

feta ko caveng mme go nale batho ba dirisang

cave ka khutso

TJ orile go tlile go nna ledi teroko tse

tsamaelang go 800 tse tlabeng di feta ko

caveng mme diteroko tseo di tlile go ama

byang di mamanthane tse tsenang le gotswa

ko caveng

O tlhalositse gore go tsamaiwa ka kelo tlhoko

mo tseleng ka gonne di mamanthane dia fofa

fofa mo tseleng mme di tlile go amega.

BH o rile rramatlhale o tshwaetse mo di option

tse tsotlhe le di tsela tsa di ‘alternative’ go bona

gore ke ‘option’ e feng e siameng.

Rramatlhale e tshitshingwe ditsela tse dintsi

nyana tsa go fokotsa ditlamorago tsa tsamaiso

ya didirwa tsa boepo,

BH orile o tlile go araba di tsela tsago gafola

ditlamorago mo karolong ya go araba

ditshwaelo tsa I&AP’s e eleng ka mo pegelong.

TJ o botsisitse gore ka mantswe a mangwe,

BH ora gore dithuto ga dia felella

TJ o botsisitse BH gore nkile a tsamaya mo

tseleng eo ka selemo. Obrile di mamanthane

ditswa ka mo gare ga cave.

O botsisitse gore diteroko di tlile go ama di

mamanthane byang

BH orile ena gase rramatlhale wadi

mamanthane le gore go nale ditsela tse dinchi

tsao fedisa ditlamorago tse tshitshingweng ke

rramatlhale wa di mamanthane ebile ba dirile le

tlhatlhobo ya dikotsi (risk) tse ka tlholegang.

DR orile go nale tshedimotsetso e ntsi le

dithuto tsa rramatlhale tse di sa fellang mme o

Page 17: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 17 of 22

DINGONGOREGO/DITSHWAELO/DIPOTSO DIKARABO

nagana gore go nale mabaka a mantis agore

goring disa fella.

Orile Aquila e nna entse e tlhabolla porojeke

mme di I&APs ga di sa itse gore go etsagalang

ka porojeke

DR orile ba ka nnetse ba fitlhela sengwe swe

okeditswe ka kopano egwe e latelang. Orile di

I&APs di batla sengwe se se fedileng se

sekase fetolweng e batlo e tlhaloganyang le go

kae sekaseka sentle.

Orile dipotso tse dintsi tse butsisitsweng pele

ga dia arabiwa

O tlaleditse ka gore dithuto tsa borramatlhale di

nale bothata bao tshwana.

JN o botsisitse gore gonale ya a nang le potso Ga gona motho a arabileng

JN o rotloeditse batho gore ba kwale

ditshwaelo tsa bona badi romele ko Shangoni

kage ba tshwanetse go kenya ditshaelo le

dipotso le go kadi araba le go netefatsa gore

pegelo e romelwa e nale dilo tsa nnete.

JN o lebogile batho ba botlhe ba tlileng

kopanong

Page 18: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 18 of 22

Tafola ya bobedi: Maina a batla kopanong

LEINA OKANAISEISHINI KGAFOTSO YA MAINA

Brian Hayes Shangoni Management Services BH

Jan Nel Shangoni Management Services JN

Johann van Breda Aquila Steel JvB Mashadi Monaledi Aquila Steel MM

Mpho Masango Shangoni Management Services MMa

Elias Mataboge Private EM

Malebo Kgomo Kabokga General Trading MK

Thabo Malematja Private TMa

E.B Niewoudt Private EBN Zachariah Motlhabane Private ZM

Smit Werner Private

SW Dave Rudolph Private DR Keoagile Sebone Private KS

Semakaleng Moremedi Private SM

Kagiso Ntshabele Private KN

Thabo Malematja Private ThM

Bonny Mayane Private BoM Sina Mmadira Private SiM

Selinah Mmekwa Private SeM Ivy Ditsela Private ID

Mapula Segone Private MaS

Marema Joyce Private MaJ

Mavula Adam Private MaA

LEINA OKANAISEISHINI KGAFOTSO YA MAINA

Fhatuwani Sinkgo Private FSi

Balelani Private B

Queen Majatladi Private QM Chauke Mumsy Private ChM

Christine Mathibe Private CM

Johanna Mmelesi Private JoM

Martin Moloki Private MMo Gabantebe Selomo Private GaS Christine Fisher Private ChF

Private Private Private

Wilson Mvula Private WiN

Jerry Thobejane Private JeT

William Stanford Private WSt Simon Molebatsi Private SiM O. Mulaudzi Private OMu

Sello Sibanda Private SeM

Nomthandazo Private No

Aaron Mkhehlane Private AaM

Joseph Setlhare Private JoS

Masua Kololo Private MaK Klaas Manyamene Private KlM

Jan Motshegoa Private JaM

Robie Stephens Malete Private RSM

Mokonyane Kgomotso Stephens

Private MKS

Kefilwe Anna Molebatsi Private KAM

Edwin Phuthi Seema Private EPS

Kwena Prince Moema Private

KPM

Page 19: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 19 of 22

Graduate Mudengu Private

GM

Kagiso Masilo Private K.Ma Thomas Jacob Modiba Private TJM

Alfred T. Kalele Private A.Tk

Riaan Jonker Die Jonker Trust R.J

Silver Monageng TBZ S.M

Maedo M Kaunda Private MM.K Dikeledi S. Magwai Private DS.M Mokgadi Ngwako Private MN

Johannah Mabula Private J.Mab

Abel Molebatsi Private A.Mo

Zachari Maphosa Private Z.M

Tshakale Qezengeke Private T.Q Johanna N. Motlhabane Private JN.M Johannes Matjaola Private J.Ma

Phillimon Matjoalo Private P.M

Thomas Private T

Mosimane Private M Tlagazi Motlabane Private T.Mo

Boitumelo Sehwapa Private B.S

Mtshabe Lesego Private M.L Eran Thebe Private E.T

Theamari Jonker Private T.J

Betty Motlogekwa Private B.M Private Private Private

Mafeto Mishack Private M.Mi

LEINA OKANAISEISHINI KGAFOTSO YA MAINA

Abram Molefe Private A.M Mahlatse Mojela Private M.Mo

Mojela Eva Private M.E

Dineo Pauline Mfisa Private DP.M

Mojela Tshepo Private M.T

Dithato Vivian Matlala Private DV.M Jackina Mathiane Private J.M Rabaloni Chester Private R.C

Grace Setaki Private G.S

Kgonono Salome Private K.S

Mishack Mafeto Private M.M

Mohare Jan Private M.J Samuel Mashishi Private S.M Sebapale Mokonyane Private S.Mo

Portia Mokonyane Private P.M

Frank Pamutwa Private F.P

Motsomane Lebogang Private M.L

Koos Ramotsho Private K.R Kelebogile Magwai Private K.M Thabang Mohlabeng Private T.M

Joana Masoba Private J.M

Ouma Marema Private O.M

Moses Shabangu Private M.Sh

Thuto Mahlangu Private T.M Joana Masoba Private J.Ma NJ.Thabadira Private NJ.T

EP.Shoba Private EP.S

C. Baloyi Private C.B

ST. Makamathe Private ST.M

Isiaac Moeng Private I.M

Page 20: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 20 of 22

Tshotlego Dube Private T.D

Nono Mafafo Private N.M

Beauty Phiri Private B.P

Mvula Kebareng Private M.K S.Mckernan Champion Wildlife S.Mc

Aluwani Mashamba Private A.Ma

Tebogo Matlala Private T.Mat

Virginia Mogale Private V.M

Mmatlala Diswai Masuca Project M.D

Daniel Kagiso Mothobi Private DK.M Motshabe Lesego Manuel Private ML.M Irene Ramasibadi Private I.R

Tokkie Swanepoel Chamber of TBBV Commerce T.S

EB Nieuwolidt Rooiberg Bewaria + Buffelshoek EB.N

Christopher York Imberbe (Pty) Ltd C.Y

Moloto Alen Private M.A Mabua Kololo Private M.Ko

Rananga Evdance Private R.E

H. Hattingh Kumba Iron Ore Tbz Mine H.H

Masanye Joseph Private M.Jo

Reneilwe Mohlaloganye Private R.M

Maria Nsibande Private M.N Alfred T. Kakele B.D.M Project AT.K

Johanna Motsomane Private J.M

Betty Modimola Private B.M

LEINA OKANAISEISHINI KGAFOTSO YA MAINA

Matshidiso Kwadi Private M.Kw

Lucky Maremba Private L.M

Oikgoake Hendrick Private O.H

Boysie Private B Thabiso Mamokgere Private T.Mam

Belinda Manoko Private B.M Pattlete Manoko Private P.M

Leko Mvula Private L.M

Jacob Montsia Private J.Mo

Sunnyboy Mvila Private S.M Abel Tselane Private A.T

Tiny Phet Private T.P Maria Dube Private M.D

Lovedonia Moitsi Private L.Mo

Esther Sepoioane Private E.S

Cathrine Molesiwa Private C.M

Ramotsho Naome Private R.N Jane Molatlhesi Private J.Mol

Moniccah Rebone Matonsi Private MR.M

1.Thabo Moima TBZ Municipality Employee T.Moi

Maria Chomole Private M.C

Molefe Siswai Private M.S

Abel Moremedi Private A.Mor Lfofwin Erasmus Leopard Cave Safari L.E

Jane Nkwana Private J.N

Mushwana Ivah Private M.I

Masokameng Mosima Private M.Mos

MD Mlungu Private MD.M

Musetsho Khuthadzo Private M.Ku Malehopo Benny Private M.B Mpolalwa Flora Private M.F

Pearl koto Private P.K

Nocky Mokowe Private N.M

Eunice Maremba Private E.M

Page 21: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 21 of 22

Tiny Maremba Private T.Mar

Grauat Mudengu Private G.M

Esther Ntshabele Private E.Nt

Rebecca Makakoba Private R.Mak Maria Mosetlha Private M.M

Norah Makgora Private N.Ma

Oniccah Tshabalala Private O.T

Molatole Katlego Private M.K

Karabo Maliosi Private K.M

Gamotsegong Tlhabadira Private G.T Joseph Dube Private J.D Reuben Letlhabi Private R.L

Mpho Moshupye Private M.Mos

Dipuo Motlabane Private D.M

Lebogang Mohapi Private L.Moh

Princelly Masoba Private P.M Nengwakhulu Nkhumiseni Shalot

Private NN.S

Malebo Kgomo Kgabokga General Trading M.Kg

Pholana Molatelo Private P.Mol

Nyakallo Molete Private N.Mol Irene Mafora Private I.M

Katlego Mohutsiwa Private K.Moh

LEINA OKANAISEISHINI KGAFOTSO YA MAINA

Tshepo Maswai Private T.Mas Zacharia Motlhabane Private Z.M William. Stanford Private W.S

Tiro Mahlabe Private T.Mah

Merriam Mpofu Private M.Mp

Millicene Koto Private M.Ko

M.A Nare Private MA.N C.Mosetle Private C.Mos Stophel Morutloe Private S.M

Believer Morupisi Private B.Mom

Majapolo Maria Private M.Mar

Lukekile Ntshongwana Private L.N

Obed Ranneyasi Private O.R Egleth Monsioa Private E.M

Konyana Mangakeng Private K.Mang Jan Thabang Mohale Private JT.M

Silver Monageng Private S.Mon

Makgoane Ncubane Private M.N Tisane Tshepo Private T.T

Mabua Malesela Private M.Mal

Frans Thebe Private F.T Boitumelo Sehwapa Private B.S

Mpho Mokowe Private M.Mo

Jakob Motshabi Private J.Mo Andrew Nihlwa Private A.N

Dave Rudolph SEF/ CAVELEROS D.R

Godfrey Moropane Private G.M Liddah Motlogeloa Private L.Mo

Florah Private F

Joyce Ntshongwana Private J.N Christinah Matjola Private C.Ma

Livingstone Munereni Private L.Mu

Ketagile Sebone Private K.S

Edwin Nkonwana Private E.Nk Werner Suit Private W.S

Suzan Ntlhakeng Private S.N Masixole Jona Private M.Jo

Page 22: Public meeting minutes 07 March 2015 Final Setswana · DR o rile gore se sesa kwadiwang kamo pegelong mabapi le ditiro ke ditlamorago tse sa siamang ... ditlamorago tseo adi teng

Shangoni Management Services Meletse Iron Ore Project:

Metsotso ya kopano ya sechaba – 07 Mopitlwe 2015

Page 22 of 22

Letageng Jeffrey Private L.J

Daniel Sello Matlou Private DS.M

M.D Makwena Private MD.M

Andries Mosokotoane Private A.Mos Hendrick Motshiping Private H.M

Moshabela Samuel Private M.S

Maria Makakaba Private M.Mak

Esther Nkana Private E.N

Tshakane Winnie Motledi Private TW.M

Dorah Tshabalala Private D.T Molatole Patrick Private M.P Ditsheko Selomo Private D.S

Thabang Molobi Private T.Mo

Obakeng Matlala Private O.Mat

Johannes Badiri Private J.B

Lebogang Laka Private L.L Godfrey Chir Private G.C MJ Mashishi SAPS Rooiberg MJ.M

RZ. Motlhabane Private RZ. M

BD Modise Private B.Mo

LEINA OKANAISEISHINI KGAFOTSO YA MAINA

MA Madibela Private M.Mad

TG Mfulatse Private T.Mf

MA Mokwena Private M.Mok

Tshepo Nxumalo Private T.N OM Matlala Private O.M SK Kenny Private S.K

Lindi Annah Marema Private LA.M

Lucky Mathebula Private L.M

Mohale Jan Thabang Private MJ.T

Annexure A: Signed attendance register

Annexure B: Presentation