Top Banner
Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang go tswa mo petsong ya ntwa, eo gabedi mo matshelong a rona e re leretseng botlhoko jo bo iseng bo bonwe mo mothong, le go busa tsholofelo mo ditshwanelong tsa motheo tsa setho, mo seriting le boleng jwa motho, mo ditshwanelo tse di lekalekanang tsa banna le basadi le tsa ditšhaba tse dikgolo le tse dinnye, le go tlhama maemo ao mo go ona bosiamisi le tlotlo tebang le maikarabelo a a tlhagelelang go tswa mo ditumelanong le metswedi e mengwe ya molao wa boditshabatshaba e ka bolokwa, le go tsweletsa tswelelopele ya loago le maemo a a botoka a botshelo mo kgololosegong e e kgolwane. MME TEBANG LE TSOTLHE TSE go dira itshokelano le go tshela mmogo ka kagiso jaaka baagisane, le go kopanya maatla a rona go tshola kagiso le pabalesego ya boditshabatshaba, le go netefatsa, ka go amogela metheo le mekgwa ya setheo, mme maatla ao a ka se dirisiwe, a bolokiwa ka ditkgatlhego tse di tshwanang, le go thapa ditlabakelo tsa boditshabatshaba tebang le tsweletso ya tlhabololo ya loago le ikonomi ya batho botlhe. GO IKAELETSWE GO KOPANYA MATSAPA A RONA GO FITLHELELA MAIKAELELO A Sentlesentle, Mebuso ya rona e e farologaneng, ka dikemedi tsa rona tse di kopaneng kwa toropong ya San Francisco, ba ba bontshitseng fa maatla a bona a a feletseng a siame mme a le mo maemong a a maleba, ba amogetse Maikano a Ditshaba Kopano mme jaana re tlhama mokgatlo wa boditshatshaba o o tla itseweng jaaka Ditšhaba Kopano. KGAOLO I MAIKAELELO LE METHEO Athekele 1 Maikaelelo a Ditšhaba Kopano ke: 1. Go tshola kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba, mme go fitlha fao: go tsaya dikgato tse di nonofileng tebang le thibelo le tloso ya matshosetsi a kagiso, le tebang le go laola ditiro tsa ntwa kgotsa maparego mangwe a kagiso, le go lere mekgwa ya kagiso, e e dumelanang le metheo ya bosiamisi le molao wa boditšhabatšhaba, mametlelelo kgotsa tumelano ya maemo a kgotlang ya boditšhabatšhaba kgotsa maemo a a tla lebisang kwa tshitisong ya kagiso;
28

Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Sep 17, 2020

Download

Documents

dariahiddleston
Welcome message from author
This document is posted to help you gain knowledge. Please leave a comment to let me know what you think about it! Share it to your friends and learn new things together.
Transcript
Page 1: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Maikano a Ditšhaba Kopano

MATSENO

RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang go tswa mo petsong ya ntwa, eo gabedi mo matshelong a rona e re leretseng botlhoko jo bo iseng bo bonwe mo mothong, le go busa tsholofelo mo ditshwanelong tsa motheo tsa setho, mo seriting le boleng jwa motho, mo ditshwanelo tse di lekalekanang tsa banna le basadi le tsa ditšhaba tse dikgolo le tse dinnye, le go tlhama maemo ao mo go ona bosiamisi le tlotlo tebang le maikarabelo a a tlhagelelang go tswa mo ditumelanong le metswedi e mengwe ya molao wa boditshabatshaba e ka bolokwa, le go tsweletsa tswelelopele ya loago le maemo a a botoka a botshelo mo kgololosegong e e kgolwane.

MME TEBANG LE TSOTLHE TSE go dira itshokelano le go tshela mmogo ka kagiso jaaka baagisane, le go kopanya maatla a rona go tshola kagiso le pabalesego ya boditshabatshaba, le go netefatsa, ka go amogela metheo le mekgwa ya setheo, mme maatla ao a ka se dirisiwe, a bolokiwa ka ditkgatlhego tse di tshwanang, le go thapa ditlabakelo tsa boditshabatshaba tebang le tsweletso ya tlhabololo ya loago le ikonomi ya batho botlhe.

GO IKAELETSWE GO KOPANYA MATSAPA A RONA GO FITLHELELA MAIKAELELO A Sentlesentle, Mebuso ya rona e e farologaneng, ka dikemedi tsa rona tse di kopaneng kwa toropong ya San Francisco, ba ba bontshitseng fa maatla a bona a a feletseng a siame mme a le mo maemong a a maleba, ba amogetse Maikano a Ditshaba Kopano mme jaana re tlhama mokgatlo wa boditshatshaba o o tla itseweng jaaka Ditšhaba Kopano.

KGAOLO I

MAIKAELELO LE METHEO

Athekele 1

Maikaelelo a Ditšhaba Kopano ke:

1. Go tshola kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba, mme go fitlha fao: go tsaya dikgato tse di nonofileng tebang le thibelo le tloso ya matshosetsi a kagiso, le tebang le go laola ditiro tsa ntwa kgotsa maparego mangwe a kagiso, le go lere mekgwa ya kagiso, e e dumelanang le metheo ya bosiamisi le molao wa boditšhabatšhaba, mametlelelo kgotsa tumelano ya maemo a kgotlang ya boditšhabatšhaba kgotsa maemo a a tla lebisang kwa tshitisong ya kagiso;

Page 2: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

2. Go tlhama dikamano tsa botsalano magareng ga ditšhaba go ikaegilwe ka tlotlo tebang le metheo ya tekatekano le go ikaelela ga batho, le go tsaya dikgato tse dingwe tse di maleba go matlafatsa kagiso ya lefatshe lotlhe;

3. Go bona tirisanommogo ya boditšhabatšhaba mo go rarabololeng mathata a boditšhabatšhaba a ikonomi, loago, setso, kgotsa pharologano ya setho,le go tsweletsa le go rotloetsa tlotlo tebang le ditshwanelo tsa setho le metheo ya kgololosego ya botlhe kwa ntle ga go kgetholola ka lotso, bong,puo, kgotsa sedumedi; le

4. Go nna borakanelo jwa tirisanommogo ya ditiro tsa ditšhaba mo phitlhelelong ya ditiro tse di tshwanang tse.

Athikele 2

Mokgatlho le Maloko a yona, mo go batleng Maikaelo a a umakilweng mo Athikeleng 2, e tla diragadiwa go ya ka Metheo e e latelang.

1. Mokgatlho o ikaegile ka motheo wa boipuso jo bo lekalekanang jwa maloko a ona otlhe.

2. Maloko otlhe, gore ba netefaletswe botlhe ditshwanelo le mesola e e bonwang go tswa mo botokololong, ba tla dira ka botswapelo maitlamo a bona a ba a dirileng go ya ka Maikano a ga jaana.

3. Maloko otlhe a tla rarabolola dikgotlang tsa bona tsa boditšhabatšhab ka mekgwa ya kagiso ka tsela eo e leng gore kagiso ya boditšhabatšhaba le pabalesego, le, bosiamisi,ga di tsenngwe mo kotsing.

4. Maloko otlhe a tla ikgogela morago mo dikamanong tsa bona tsa boditšhabatšhaba go tswa go matshosetsi kgotsa tiriso ya maatla kgatlhanong le tshireletso ya nnete kgotsa boipuso jwa sepolotiki jwa puso nngwe le nngwe, kgotsa ka mokgwa mongwe o o sa dumelaneng le maikaelelo a Ditšhaba Kopano.

5. Maloko otlhe a tla neela Ditšhaba Kopano thuso nngwe le nngwe mo kgatong e nngwe le e nngwe e e e tsayang go ya ka molao wa tumelano wa ga jaana, mme ba tla ikgogela morago mo go neeleng ka thuso go puso nngwe le nngwe eo Ditšhaba Kopano e tsayang thibelo kgotsa tiro e e gatelelang kgatlhanong nayo.

6. Mokgatlho o tla netefatsa gore dinaga tseo e seng Maloko a Ditšhaba Kopano di dira go ya ka Metheo e fa go tlhokegang gona tebang le tlhokomelo ya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba.

7. Sepe seo se leng mo Maikaning a ga jaana se tla letlelela Ditšhaba Kopano go tsereganya mo mererong e e leng metheo mo gare ga tsamaiso ya selegae ya naga e nngwe le e nngwe kgotsa e tla lopa gore Maloko a neele merero e e jalo go rarabololwa ka fa tlase ga tiragatso ya maemo a kgatelelo ka fa tlase ga Maikano a ga jaana, fela motheo o ga o kitla o gobelela tiragatso ya maemo a kgatelelo ka fa tlase ga Kgaolo VII.

Page 3: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

KGAOLO II

BOTOKOLO

Athikele 3

Maloko a ntlha a Ditšhaba Kopano e tla nna dinaga tse , fa ba setse ba tshotse karolo mo Khomferenseng ya Ditšhaba Kopano kwa San Fransisco, kgotsa ba setse ba saenile Tumelano ka Ditshaba Kopano ya 1 Ferikgong 1942, saena Maikano a ga jaana le go e netefatsa go ya ka Athikele 110.

Athikele 4

1. Botokolo jwa Ditšhaba Kopano bo buletswe dinaga tse dingwe tse di ratang kagiso tse di amogelang maikarabelo a a leng gona mo Maikanong a ga jaana, mo tshweetsong ya Mokgatlho, ba kgona le go ikaelela go diragatsa maikaelelo ao.

2. Kamogelo ya naga nngwe le nngwe e e jalo mo Ditšhabeng e tla diragadiwa ka tshweetso ya Kokoano Kakaretso go ya ka katlenegiso ya Khansele ya pabalesego.

Ahikele 5

Leloko la Ditšhaba Kopano yo o tsetsweng dikgato kgatlhanong kgotsa thibelo ke Khansele ya Pabalesego a ka nna a beelwa thoko nakwana go tswa mo go diriseng ditshwanelo tsa botokololo ke Kokoano ya Kakaretso go tswa go katlenegiso ya Khansele ya Pabalesego. Tiragatso ya ditshwanelo tse di ka nna tsa busediwa gape ke Khansele ya Pabalesego.

Athikele 6

Leloko la Ditšhaba Kopano leo ka gale le gatakileng Metheo e e leng gona mo Maikanong a ga jaana a ka nna a lelekwa go tswa mo Mokgatlhong ke Kokoano Kakaretso go ya ka katlenegiso ya Khansele ya Pabalesego.

KGAOLO III

MAPHATA

Athikele 7

1. Di tlhamilwe jaaka mafapha a a kwa godimo a Ditšhaba Kopano:Kokoano Kakaretso, Khansele ya Ikonomi le Loago, Khansele ya Batlhokomedi, Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba ya Bosiamisi, le Khansele ya Batlhokomedi, le Bokwaledi.

2. Maphata a a jalo a tlaleletso a ka tlhongwa go ya ka Maikano a ga jaana.

Page 4: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Athikele 8

Ditšhaba Kopano ga di kitla di baya dikelo tsa banna le basadi ba ba nang le tetla go tsaya karolo mo nngwe le nngweng ya maemo le ka fa tlase ga maemo a tekatekano mo metheong le mafapha a ona a tlaleletso.

KGAOLO IV

KOKOANO KAKARETSO

Popego

Athikele 9

1. Kokoano Kakaretso e tla nna le Maloko otlhe a Ditšhaba Kopano.

2. Leloko le lengwe le lengwe ga le kitla le nna le go feta kemedi e e fetang tlhano mo Kokoano Kakaretso.

Ditiro le Maatla

Athikele 10

Kokoano Kakaretso e ka buisana ka dipotso kgotsa merero mengwe le mengwe e e leng fa gare ga diteng tsa Maikano a ga jaana kgotsa e e amanang le maatla le ditiro tsa nngwe le nngwe ya maphata a a tlametsweng mo Maikanong a ga jaana, le, ntle le fa e sa tlamelwa mo Athikeleng 12, a ka dira dikatlenegiso go Maloko a Ditšhaba Kopano kgotsa Khansele ya Pabalesego kgotsa ka bobedi mo dipotsong kgotsa merero e mengwe le e mengwe..

Athikele 11

1. Kokoano Kakaretso e ka nagana metheo ya kakaretso ya tirisanommogo mo tshireletsong ya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba, go tsenyeletsa le metheo e e laolang tseo le taolo ya dibetsa, mme e ka dira dikatlanegiso mabapi le metheo e e jalo go Maloko kgotsa go Khansele ya Pabalesego kgotsa go tsona ka bobedi.

2. Kokoano Kakaretso e ka buisana ka dipotso dingwe le dingwe tse di amanang le taolo ya kagiso ya ditšhabagare le pabalesego e e tlisiwang fa pele ga yona ke Leloko lengwe le lengwe la Ditšhaba Kopano, kgotsa Khansele ya Pabalesego, kgotsa naga eo e seng Leloko la Ditšhaba Kopano go ya ka Athikele 35, 2, le, ntle le jaaka e neetswe mo Athikele 12 , a ka dira dikatlenegiso mabapi le dipotso tse di jalo go naga kgotsa dinaga tse di amegang kgotsa go Khansele ya Pabalesego kgotsa ka bobedi. Potso nngwe le nngwe e e jalo e e tlhokang tiragatso e tla lebisiwa go Khansele ya Pabalesego pele kgotsa morago ga dipuisano.

3. Kokoano Kakaretso e ka thuso ya Khansele ya Pabalesego ka maemo a a ka batlang go baya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba mo kotsing.

Page 5: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

4. Dithata tsa Kokoano Kakaretso tse di beilweng kwa pele mo Athikeleng e ga di kitla di lekanyetsa tiragatso ya kakaretso ya Athikele 10.

Athikele 12

1. Le fa Khansele ya Pabalesego e dira ka tlotlo mo go nngwe le nngwe ya dikgotlhang kgotsa maemo a ditiro tse e di neetsweng ke Maikano a ga jaana, Kokoano Kakaretso ga e kitla e dira dikatlenegiso mabapi le dikgotlhang kgotsa maemo ntle le fa e kopilwe ke Khansele ya Pabalesego.

2. Mokwaledi- Kakaretso, ka tumelelo ya Khansele ya Pabalesego, o tla itsese Kokoano Kakaretso kwa kokoanong e nngwe le e nngwe ka merero e mengwe le e mengwe e e amanang le tsamaiso ya kagiso ya boditšhabatšhaba le pabaleso tseo di ntseng di mekamekiwa ke Khansele ya Pabalesego mme go itsisewe ka go tshwana Kokoano Kakaretso, kgotsa Maloko a Ditšhaba Kopano fa Kokoano Kakaretso e sa kokoana, Khansele ya Pabalesego e tlogela go mekamekana le merero e ka bonako.

Athikele 13

1. Kokonao Kakaretso e tla simolola dithuto le go dira dikatlenegiso tebang le mabaka a:

a. tsweletsa tirisanommogo ya boditšhabatšhaba mo maphateng a sepolotiki le go rotloetsa tlhabololo e e tswelelang pele ya molao wa boditšhabatšhaba le ditlankelo tsa ona ; b. tsweletsa tirisanommogo ya boditšhabatšhaba mo maphateng a ikonomi,thuto, loago, setso,le boitekanelo,le go thuseng go lemoga ditshwanelo tsa botho le metheo ya kgololosego ya botlhe ntle le go tlhontlholola ka lotso,bong,puo,kgotsa bodumedi.

2. Maikarabelo a mangwe, diriro le maatla tsa Kakaretso go lebeletswe merero e e umakilweng mo temeng ) e e fa godimo a beilwe pele mo Kgaolo IX le X.

Athikele 14

Go ikaegilwelwe ka metheo ya Athikele 12, Kokoano Kakaretso e ka tlhagisa ditsela tebang le go siamisa maemo a mangwe le a mangwe ka kagiso, go sa kgathalesege lotso, e e nang le kgonagalo ya go senya loago ka kakaretso kgotsa kamano ya botsalano magareng ga ditšhaba, go tsenyeletswa maemo a tlhagelelang go tswa mo kgatakong ya ditshiamelo tsa Maikano a ga jaana go bewa pele Maikaelelo le Metheo ya Ditšhaba Kopana.

Athikele 15

1. Kokoano Kakaretso e tla amogela le go isa tlhogong dipegelo tsa ngwaga le ngwaga le tse di kgethegileng; dipegelo tse di tla tsenyeletsa tlhaloso ya ditsela tseo Khansele ya Pabalesego e tshotseng tshweetso kgotsa e di tshotse go tsweletsa kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba.

Page 6: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

2. Kokoano Kakaretso e tla amogela le go sekaseka dipegelo go tswa kwa maphateng a mangwe a Ditšhaba Kopano.

Athikele 16

Kokoano Kakaretso e tla dira ditiro tse di jaana ka tlotlo go tsamaiso ya batlhokomedi ba boditšhabatšhaba jaaka e abilwe ka fa tlase ga Dikgaolo XII le XIII, go tsenyeletswa le thebolo ya ditumelano tsa botlhokomedi tebang le dikgaolo tse di sa tlhophiwang jaaka mosola-togamanong.

Athikele 17

1. Kokoano Kakaretso e tla sekaseka le go rebola tekanyetsokabo ya Mokgatlo.

2. Ditshenyegelo tsa Mokgatlo di tla rwalwa ke Maloko jaaka go abilwe ke Kokoano Kakaretso.

3. Kokoano e tla sekaseka le go rebola dithulaganyo tsa matlotlo le tekanyetsokabo le ditlamo tse di kgethegileng tse di umakilweng mo Athikele 57 mme di tla tlhatlhoba tekanyetsokabo ya botsamaisi jwa ditlamo tse di kgethegileng jaana ka pono ya go dira dikatlenegiso go ditlamo tse di amegang.

Go tlhopha

Athikele 18

1. leloko lengwe le lengwe la Kokoano Kakaretso le tla nna le tlhopho e le nngwe.

2. Ditshweetso tsa Kokoano Kakaretsomo mo dipotsong tse di botlhokwa di tla dirwa ke pedi-tharong ya bontsi jwa maloko a a leng gona le go tlhopha. Dipotso di tla tsenyeletsa: dikatlanegiso go ka tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba, go tlhophiwa ga maloko a e seng a leruri a Khansele ya Pabalesego, go tlhohiwa ga maloko a Khansele ya Ikonomi le Loago, go tlhophiwa ga maloko a Khansele ya Batlhokomedi go ya ka tema 1 ya Athikele 86, go amogelwa ga maloko a mašwa go Ditšhaba Kopano, go beelwa thoko nakwana ga ditshwanelo le maemo a boloko, go kobiwa ga Maloko, dipotso mabapi le tsamaiso ya botlhokomedi, le dipotso tsa tekanyetsokabo.

3. Ditshweetso ka ga dipotso tse dingwe, go tsenyeletsa maikaelelo a go tlaleletsa ka dikhatekori tse dingwe tsa dipotso di tla swediwa ke pedi tharong ya bontsi, e tla diriwa ke bontsi jwa maloko a a leng gona mme a tlhopha.

Athikele 19

Tokolo ya Ditšhaba Kopano le e saletseng kwa morago ka tuelo ya dikabelo tsa madi go Mokgatlo ga e kitla e nna le tlhopho mo Kokoano Kakaretso fa tlhwatlhwa ya tuelo e e kwa morago e lekana kgotsa e feta tlhwatlhwa ya dikabelo e e batlegang go tswa mo go yona ka dingwaga di le pedi tse di

Page 7: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

fetileng.Kokoano Kakaretso e ka, le fa go le jalo, e dumelela Leloko le le jalo go tlhopha fa e kgotsofetse gore go sa dueleng ke ka ntlha ya mabaka a a seng ka fa taolo ya Leloko.

Tsamaiso

Athikele 20

Kokoano Kakaretso e tla kopana ka gale ka dikopano ka ngwaga le mo dikopano tse di kgethegileng jaaka go motlha o ka tlhoka. Dikopano tse di kgethegileng di tla bidiwa ke Mokwaledi- Kakaretso ka kopo ya Khansele ya Pabalesego kgotsa bontsi jwa Maloko a Ditšhaba Kopano.

Athikele 21

Kokoano Kakaretso e tla amogela melao ya yona ya tsamaiso. E tla tlhopha Presidente wa yona tebang le kopano e nngwe le e nngwe.

Athikele 22

Kokoano Kakaretso e ka tlhoma maphata a jaana a tlaleletso jaaka e ka bona go le botlhokwa tebang le go tiragatso ya ditiro tsa yona.

KGAOLO V

KHANSELE YA PABALESEGO

Popego

Athikele 23

1. Khansele ya Pabalesego e tla dirwa ke Maloko a le sometlhano a Ditšhaba Kopano. Rephaboloki ya China, Frace, Union of Soviet Socialist , United Kingdom of Great Britain le Northern Ireland, le United States of America e tla nna maloko a leruri a Khansele ya Pabalesego. Kokoano Kakaretso e tla tlhopha maloko a le lesome a Ditšhaba Kopano go nna maloko a e seng a leruri a Khansele ya pabalesego, Kokoano Kakaretso e tla tlhopha maloko a mangwe a le lesome a Ditšhaba Kopano go nna maloko ao a seng a leruri a Khansele ya Pabalesego, ditshwanelo di duetse ka mokgwa o o kgethegileng, ka nako ya ntlha go kabelo ya Maloko a Ditšhaba Kopano go tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya ditšhaba tsa fa gare le go mesola e mengwe ya Mokgatlho, gape le phatlhalatso e e lekalekanang ya tikologo.

2. Maloko a e seng a leruri a Khansele ya Pabalesego a tla tlhophiwa tebang le nako ya dingwaga di le pedi. Mo ditlhophong tsa ntlha tsa maloko a e seng a leruri morago ga tlhatlhoso ya botokolo jwa Khansele ya Pabalesego go tswa go somenngwe go ya go sometlhano, ba babedi go tswa mo go ba bane ba tlaleletso ba tla tlhophiwa tebang le nako ya ngwaga. Leloko le le rolang tiro ga le kitla le nna le tšhono ya go tlhophiwa gape.

Page 8: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

3. Leloko le lengwe le lengwe la Khansele ya Pabalesego le tla nna le kemedi e le esi.

Ditiro le Dithata

Athikele 24

1. Gore re tle re netefatse tiragatso e e bonako mme e nonofile ya Ditšhaba Kopano, Maloko a yona a buisana ka maikarabelo a Khansele ya Pabalesego tebang le tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba, mme e dumela gore mo go ditiro tsa yona ka fa tlase ga maikarabelo ano Khansele ya Bosetšhaba e dira mo boemong jwa yona.

2. Mo go direng ditiro tse Khansele ya Pabalesego e tla dira go ya ka Maikaelelo le Metheo ya Ditšhaba Kopano. Dithata tse di kgethegileng tse di neetsweng Khansele ya Pabalesego tebang le go dira ditiro tse di tlhalosiwa mo Dikgaolo VI, VII, VIII, le XII.

3. Khansele ya Pabalesego e tla neela ka ngwaga le, fa go tlhokega, dipegelo tse di kgethegileng go Kokoano Kakaretso tebang le tshekatsheko.

Athikele 25

Maloko a Ditšhaba Kopano a dumela go amogela le go diragatsa ditshweetso tsa Khansele ya Pabalesego go ya ka Maikano a ga jaana.

Athikele 26

Gore go tsweletswe tlhamo le tsamaiso ya kagiso le pabalesegoo ya boditšhabatšhaba ka tiriso e e kwa tlase tebang le dibetsa tsa ditlabakelo tsa ikonomi le setho tsa lefatshe, Khansele ya Pabalesego e tla rwala maikarabelo a tebang le go tlhama, ka thuso ya Komiti ya Badirammogo ba Sesole ba ba umakilweng mo Athikele 47, maano a tla neelwang Maloko a Ditšhaba Kopano tebang le go tlhamiwa ga tsamaiso tebang le tsamaiso ya taolo ya dibetsa.

Go tlhopha

Athikele 27

1. Leloko le lengwe le lengwe la Khansele ya Pabalesego le tla nna le tlhopho e le esi.

2. Ditshweetso tsa Khansele ya Pabalesego ka ga merero ya tsamaiso di tla dirwa ka tumelelo ya tlhopho ya maloko a le robongwe.

3. Ditshweetso tsa Khansele ya Pabalesego mo mererong e mengwe yotlhe e tla dirwa ka tlhopho ya tumelelo ya maloko a le robongwe go tsenyeletswa le ditlhopho tsa tumelano tsa maloko a leruri; fela fa;mo ditshweetsong ka fa tlase ga Kgaolo VI, le ka fa tlase ga tema 3 ya Athikele 52, mokgatlho o o nang le kgotlhang o tla a ikgogela morago mo go tlhopheng.

Page 9: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Tsamaiso

Athikele 28

1. Khansele ya Pabalesego e tla rulaganngwa gore e kgone go dira ka nako tsotlhe. Leloko le lengwe le lengwe la Khansele ya Pabalesego le tla tebang le maikaelelo a le emelwa ka nako tsotlhe kwa kopanong ya Mokhatlho.

2. Khansele ya Pabalesego e tla tshwara dikopano kwa e leng gore nngwe le nngwe ya maloko a yona, fa ba eletsa jalo ba emelwa ke leloko la palamente kgotsa ke kemedi nngwe e e kgethegileng.

3. Khansele ya Pabalesego e ka tshwara dikopano kwa mafelong a a jaana ntle le kwa lefelong la Mokgatlho jaaka e le mo taolong ya lona e tla tsamaisa tiro ya yona botoka.

Athikele 29

Khansele ya Pabalesego e ka tlhama maphata a tlaleletso jaaka e bona go tlhokagala tebang le tiragatso ya ditiro tsa yona.

Athikele 30

Khansele ya Pabalesego e tla amogela melao ya yona ya tsamaiso, go tsenyeletsa le mokgwa wa go tlhopha Presidente ya yona.

Athikele 31

Leloko le lengwe le lengwe la Ditšhaba Kopano leo e seng Leloko la Ditšhaba Kopano le ka tsaya karolo, ntle le go tlhopha, mo dipuisanong tsa potso e nngwe le e nngwe e e tlisitseng fa pele ga Khansele ya Pabalesego nako nngwe fa ba nagana gore dikgatlhego tsa Leloko leo di a amega thata.

Athikele 32

Leloko le lengwe le ngwe la Ditšhaba Kopano leo e seng leloko la Khansele ya Pabalesego kgotsa naga nngwe le nngwe e o e seng leloko la Ditšhaba Kopano, fa e le gore ke karolo ya kgotlhang e e sekasekiwang ke Khansele ya Pabalesego, o tla lalediwa go tsaya karolo, ntle le go tlhopha, mo dipuisanong tse di amanang le kgotlhang. Khansele ya Pabalesego e tla ikgatholosa maemo a a jalo fela tebang le go tsaya karolo ga naga eo e seng Leloko la Ditshaba Kopano.

KGAOLO VI

TUMELANO E E NAMATSANG YA DIKGOTLANG

Athikele 33

1. Makoko mo kgotlhang e nngwe le e nngwe, eo e leng gore tswelelopele ya yona e na le kgonagalo ya go tsenya tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya

Page 10: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

boditšhabatšhaba mo kotsing, sa pele sa, go batla tharabololo ka go buisana, patlisiso, botsereganyi, thuanyi, katlholo, tshweetso ya semolao, kgotsa mokgwa o mongwe wa kagiso o ba o itlhophetseng.

2. Khansele ya Pabalesego e tla, fa e bona go le botlhokwa, e bitsa makoko go rarabolola kgotlhang ya bona ka mokgwa o o jalo.

Athikele 34

Khansele ya Pabalesego e ka batlisisa kgotlhang e nngwe le e nngwe, kgotsa maemo a mangwe le a mangwe a a ka lebisang kwa pheretlhegong kgotsa a tlisa kgotlhang, gore e kgone go laola gore a tswelelopele ya kgotlhang kgotsa maemo a, a na le kgonagalo e le kae ya go tsenya tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba mo kotsing.

Athikele 35

l. Leloko lengwe le lengwe la Ditšhaba Kopano le ka tlisa ngongorego kgotsa maemo a mangwe le a mangwe a mofuta o o umakilweng mo Athikele 34, go itsise Khansele ya Pabalesego kgotsa Kokoano Kakaretso.

2. Naga eo e seng Leloko la Ditšhaba Kopano e ka itsise Khansele ya Pabalesego kgotsa Kokoano Kakaretso kgotlhang e nngwe le e nngwe eo e leng gore ke lekoko fa e amogela nako e sale gona, tebang le mabaka a kgotlhang, maikarabelo a tumelano ya boikobo e e neetsweng mo Maikanong a ga jaana.

3. Ditsamaiso tsa Kokoano Kakaretso go lebeletswe merero e e tlisitsweng fa pele ga yona ka fa tlase ga Athikele e tla laolwa ke metheo ya Diathikele 11 le 12.

Athikele 36

1. Khansele ya Pabalesego e ka, kwa nakong e nngwe le e nngwe ya mokgwa wa kgotlhang o o umakilweng mo Athikele 33 kgotsa maemo a a jaaka a a tshwanang, atlenegisa tsamaiso e e maleba kgotsa mekgwa ya tolamiso.

2. Khansele ya Pabaleso e tshwanetse go isa tlhogong ditsamaiso tse dingwe le tse dingwe tebang le tharabololo ya kgotlhang tseo di setseng di amogetswe ke makoko a a amegang.

3. Mo go direng dikatlenegiso ka fa tlase ga Athikele e, Khansele ya Pabalesego e tshwanetse go isa tlhogong gore dikgotlhang tsa semolao di tshwanetse jaaka molao wa kakaretso di umakiwe ke malkoko kwa Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba go ya ka metheo ya Molao wa Kgotlhatshekelo.

Page 11: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Athikele 37

1. Fa e ka nna gore makoko mo kgotlhang ya mofuta o o umakilweng mo Athikele 33 ba palelwa ke go e rarabolola ka mokgwa o o umakilweng mo Athikeleng eo, ba tla e umaka kwa Khanseleng ya Pabalesego.

2. Fa Khansele ya Pabalesego e nagana gore tswelelopele ya kgotlhang e bonagala e tla tsenya tsamaiso ya kagiso le pabalesego, e tla tshwanela ke go dira tshweetso ya gore a e tseye kgato ka fa tlase ga Athikele 36 kgotsa go atlenegisa melao ya tharabololo eo e ka e tsayang e le gore e siame.

Athikele 38

Ntle le go tlhontlholola metheo ya Diathikele 33 le 37, Khansele ya Pabalesego e ka, fa makoko mo kgotlhang e nngwe le e nngwe ba kopa jalo, e ka dira dikatlesegiso go baamegi ka go lebelela tharabololo e e boikobo ya kgotlhang.

KGAOLO VII

DIKGATO MABAPI LE MATSHOSETSI A KAGISO, GO SA DIRAGATSE KAGISO, LE DITIRO TSA NTWA

Athikele 39

Khansele ya Pabalesego e tla batlisisa go nna teng ga matshosetsi a mangwe le a mangwe a kagiso, go sa diragatse kagiso, kgotsa ditiro tsa ntwa mme e tla dira dikatlenegiso, kgotsa e dire tshweetso ya gore ke dikgato dife tse di tla tsewang go ya ka Diathikele 4 le 42, go tsamaisa kgotsa go busetsa kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba.

Athikele 40

Gore go thibelwe koketsego ya maemo a ntwa, Khansele ya Pabalesego e ka, pele e dira dikatlenegiso kgotsa go tsaya tswheetso ka maemo a a neetsweng tebang le Athikle 39, e bitsa makoko a a amegang go dumelana le dikgatonakwana jaaka e bona go tlhokega kgotsa go eletsega. Khansele ya Pabalesego e tla lebelela ka tlhoko go palelwa ke go dumelana le dikgato tsa nakwana.

Athikele 41

Khansele ya Pabalesego e ka swetsa ka gore ke dikgato dife tse di sa tlhokeng tiriso ya masole tse di ka dirisiwang go bona tirafatso ya ditshwetso tsa yona, mme e ka bitsa Maloko a Ditšhaba Kopano go diragatsa dikgato tse di jalo. Tseno di ka tsenyeletsa pheretlhego ya dikamano tsa ikonomi le reile, lewatle, lefaufau, diposo, ditelegeramo, seromamowa, le mekgwa e mengwe ya tlhaeletsano le dikamano tsa tiro tsa dipolomatiki.

Page 12: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Athikele 42

Fa Khansele ya Pabalesego e ka tsaya dikgato tse di neetsweng tebang le Athikele 41 di tla bo di sa lekana kgotsa di bontshitse fa di sa lekana, e ka tsaya kgato e ka lefaufau, lewatle, kgotsa sesole sa fa fatshe jaaka go tla bo go tlhokagala go tsamaisa kgotsa go boloka kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba. Kgato e e jalo e ka tsenyeletsa dipontsho, maparego, le ditiro tse dingwe ka lefaufau, lewatle kgotsa sesole sa fa fatshe sa Maloko a Ditšhaba Kopano.

Athikele 43

1. Maloko otlhe a Ditšhaba Kopano, gore ba nne le seabe mo tsamaisong ya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba, ba itlama go neela Khansele ya Pabalesego, mo go yona le go ya ka tumelano kgotsa ditumelano tse di kgethegileng, sesole, thuso, le didiriswa, go tsenyeletsa le tshwanelo ya go feta, e e tlhokagalang tebang le maikaelelo a go tsamaisa kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba.

2. Tumelano kgotsa ditumelano tse di jalo di tla laola dipalo le mefuta ya sesole, maemo a tshiamelo le lefelo ka kakaretso, le mofuta wa didiriswa le thuso e e tshwanelwang go neelwa.

3. Tumelano kgotsa ditumelano di tla buisanelwa ka bonako jo bo kgonagalang ka tshimololo ya Khansele ya Pabalesego.Di tla fediwa magareng ga Khansele ya Pabalesego le Maloko kgotsa magareng ga Khansele ya Pabalesego le setlhopha sa Maloko mme di tla emela tumelelo ka ditshaeno tsa dinaga go ya ka tsamaiso ya bona ya molaotheo.

Athikele 44

Fa khansele ya Pabalesego e sweditse go dirisa maatla e tla dira jalo, pele e ka bitsa Leloko le le sa emelwang mo go yona go neela ka masole mo go direng maikarabelo a a ka fa tlase ga Athikele 43, laletsa Leloko leo, fa Leloko le eletsa jalo, go tsaya karolo mo ditshweetsong tsa Khansele ya Pabalesego tse di amang go dirisa setlhopha sa sesole sa Leloko leo.

Athikele 45

Gore re kgone go letlelela Ditšhaba dikgato tsa tshoganyetso tsa sesole, Maloko a tla tshwara kopano ya ka bonako e e gona ya setlhopha sa setšhaba sa sesole tebang le kgato e e tshwaraganeng tirafatso ya boditšhabatšhaba. Maatla le boleng jwa tshiamo jwa ditlhopha le maano tebang le kgato e e tshwaraganeng ya bona e tla tlhomiwa, fa gare ga dieelo tse di builweng kwa kopanong kgotsa dikopano tse di kgethegileng tse di umakilweng mo Athikele 43, ka Khansele ya Pabalesego ka thuso ya Komiti ya Sesole.

Athikele 46

Maano tebang le tirafatso ya sesole e tla dirwa ke Khansele ya Pabalesego ka thuso ya Komiti ya Badirammogo ba Sesole.

Page 13: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Athikele 47

1. Go tla nna le Komiti ya Badirammogo ba Sesole e e tlhomiwang go gakolola le go thusa Khansele ya Pabalesego ka dipotso tse di amanang le ditlhokego tsa sesole sa Khansele ya Pabalesego tebang le go tsamaisa kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba, ditiro le taelo ya sesole go nna gona fa se tlhokega, taolo ya dibetsa, le kgonagalo ya go fedisa dibetsa.

2. Komiti ya Badirammogo ba Sesolo e na le Dikgosi tsa Badirammogo tsa maloko a leruri a Khansele ya Pabalesego kgotsa dikemedi tsa bona.Leloko lengwe le lengwe la Ditšhaba Kopano le le senang kemedi ya leruri mo Komiting le tla lalediwa go golaganngwa le yona fa go gololwa ka nonofo maikarabelo a Komiti e tlhoka tiro ya Leloko leo go tsaya karolo.

3. Komiti ya Badirammogo ba Sesole enne le maikarabelo ka fa tlase ga Khansele ya Pabalesego tebang le dintlha tsa togamaano tsa nngwe le nngwe ya sesole ba emetse tiriso ka Khansele ya Pabalesego. Dipotso mabapi le taelo ya masole a a jalo a tla lebelela morago.

4. Komiti ya Badirammogo ba Sesole, ka tumelelo ya Khansele ya Pabalesego le kwa morago ga dipuisano le ditheo tsa kgaolo, ba ka tlhama dikomiti tlaleletso.

Athikele 48

1. Dikgato tse di tlhokagalang go diragatsa ditshweetsho tsa Khansele ya Pabalesego tebang le tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba di tla diriwa ke Maloko otlhe a Ditšhaba Kopano kgotsa bangwe ba bona, jaaka Khansele ya Pabalesego e ka tlhomamisa.

2. Ditshweetso tse di jalo di tla diragadiwa ke Maloko a Ditšhaba Kopano ka bo bona ka ditheo tse di lebaneng tsa boditšhabatšhaba moo e leng maloko.

Athikele 49

Maloko a Ditšhaba Kopano a tla tshwaragana mo go neeleng ka thuso e e tshwanang mo go direng dikgato tse di sweditsweng ke Khansele ya Pabalesego.

Athikele 50

Fa dikgato tsa thibelo kgotsa tsa kgatelelo kgatlhanong le naga e nngwe le e nngwe di tsewa ke Khansele ya Pabalesego, naga e nngwe le e nngwe, a Leloko la Ditšhaba Kopano kgotsa nnya, leo le iphitlhelang le lebaganye le mathata a a kgethegileng a ikonomi a a tlhagelelang go tswa mo tirafatsong ya dikgato tseo, ba tla nna le tshwanelo ya go ikgolaganya le Khansele ya Pabalesego mabapi le go bona tharabololo ya mathata ao.

Athikele 51

Sepe se se mo Maikanong a ga jaana se tla koafatsa ditshwanelo tsa tlhago tsa mong kgotsa go itshereletsa ka kgoboko fa tlhaselo ya sesole e tlhagelela

Page 14: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

kgatlhanong le o fitlhela Khansele ya Pabalesego e tshere dikgato tse di tlhokegang go tsamaisa kagiso le pabalesego ya boditshabatshaba. Dikgato tse di tserweng ke Maloko go dirisa tshwanelo ya e ya go itshireletsa e tla begiwa ka bonako kwa Khanseleng ya Pabalesego mme e ka se ame thata le maikarabelo a Khansele ya Pabalesego ka fa tlase ga Chata ya ga jaana go tsaya nako nngwe le nngwe kgato e e jaana jaaka e bona go tlhokagala gore go babalela kgotsa go busetsa kagiso le pabalesego ya boditshabatshaba.

Kgaolo VIII

DITHULAGANYO TSA KGAOLO

Athikele 52

1. Sepe se se mo Maikanong a ga jaana go nna teng ga dithulaganyo tsa dikgaolo kgotsa ditlamo tebang le go mekamekana le merero e e jaana e e amanang le tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba jaaka di le matshwanedi tebang le dikgato tsa dikgaolo, ntle lefa dithulaganyo kgotsa ditlamo tse di jalo le ditiro tsa yona di tsamaisana le Maikaelelo a Ditšhaba Kopano.

2. Maloko a Ditšhaba Kopano a a tsenelang dithulaganyo kgotsa di dira ditheo tse di jalo di tla dira matsapa a mangwe le a mangwe go bona tharabololo e e boikobo ya kgotlhang ya selegae ka dithulaganyo tsa ditlamo kgotsa ditlamo tsa kgaolo pele ba umakiwa kwa Khanseleng ya Pabalesego.

3. Khansele ya Pabalesego e tla rotloetsa tlhabololo ya tharabolo e e boikobo ya dikgotlhang tsa selegae ka dithulaganyo tse di jalo tsa kgotlhang ya selegae kgotsa ka ditheo tsa dikgaolo gongwe ka tshimololo ya naga e e amegang kgotsa ka tshupetso gob tswa go Khansele ya Pabalesego.

4. Athikele e ga se tiragatso ya Diathikele 34 le 35 ka tsela nngwe.

Athikele 53

1. Khansele ya Pabalesego e tla, fa go tlhokegang, e dirise dithulaganyo tsa dikgaolo kgotsa ditlamo tebang le kgato ya kgatako ka fa tlase ga thata e. Fela ga go kitla go nna le kgato ya kgatelelo e e tla tsewang ka fa tlase ga dithulaganyo tsa dikgaolo kgotsa ditlamo tsa dikgaolo kwa ntle ga thebolo ya Khansele ya Pabalesego,kwa ntle ga dikgato kgatlhanong le mmaba wa naga, jaaka go tlhalositswe no temeng ya 2 ya Athikele e, neetsweng tebang le gore Khansele ya Pabalesego e tla, fa go tlhokkagalang gona e dirisa ditlamo tse tsa dikgalo jaaka go umakilwe mo go Athikele 107 kgotsa mo dithulaganyong tsa dikgaolo tse di lebisitsweng kgatlhanong le go ntshwafatswa gape ga pholisi ya ntwa mo karolong ya naga e e jalo, go fitlhela nako e Mokgatlho o ka, mo kopong ya Mebuso e e amegang, ba newe tiro ya maikarabelo tebang le go thibela ntwa kwa pele ka naga e e jalo.

2. Lereo le mmaba wa puso jaaka le dirisitswe mo temeng1 ya Athikele e le kaya naga e nngwe le e nngwe e e leng gore ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe e ntse e le mmaba wa leloko la Maikano a ga jaana.

Page 15: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Athikele 54

Khansele ya Pabalesego ka dinako tsotlhe e tla itsisiwe ka bojotlhe ka ditiragalo tse di diriwang kgotsa ka go nagana ka fa tlase ga dithulaganyo tsa dikgaolo kgotsa ka ditheo tsa dikgaolo tebang le tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya boditshabatshaba.

KGAOLO IX

TIRISANOMMOGO YA BODITSHABATSHABA YA IKONOMI LE LOAGO

Athikele 55

Ka pono ya tlhamo ya maemo a tlhomamo le katlaatlelo tseo di leng botlhokwa tebang le dikamano tsa kagiso le pabalesego magareng ga ditšhaba go ikaegilwe ka tlotlo tebang le metheo ya ditshwanelo tse di lekanang le boikaelelo jwa batho, Ditšhaba Kopano di tla tsweletsa:

a. maemo a a kwa godimo a botshelo,ditiro tse di feletseng, le tswelelo le tlhabololo ya maemo a ikonomi le loago;

b. Ditharabolo tsa mathata a boditshabatshaba ikonomi, loago, boitekanelo; le tirisanommogo ya oditsahatshaba ya setso le thuto, le

c. tlotlo ya lefatshe lotlhe tebang , le tiragatso ya ditshwanelo tsa botho le metheo ya kgololosego ya botlhe kwa ntle ga kgethololo ya lotso, bong, puo, kgotsa tumelo.

Athikele 56

Maloko otlhe a ikana go tsaya dikgato ka go dirisana mmogo ka tshwaragano kgotsa ka kgaogano le Mokgatlho tebang le go fitlhelela maikaelelo a a beilweng mo go Athike 55.

Athikele 57

1. Ditlamo tse di farologaneng mme di kgethegile, di tlhomilwe ka tumelano ya mebuso mme e na le maikarabelo a a anameng a boditshabatshaba, jaaka a tlhalositswe mo motheo wa tsona wa didiriswa, ikonomi, loago, setso,thuto, le dikarolo tse di amanang, di tla tlisiwa mo kamanong le Ditshaba Kopano go ya ka metheo ya Athikele 63.

2. Ditlamo tse di jalo ka ntlha ya fa di tlisitswe mo kgolaganong le Ditshaba Kopano morago di tla umakiwa jaaka ditlamo tse di kgethegileng.

Athikele 58

Mokgatlho o tla dira dikatlenegiso tebang le kgokagano ya dipholisi le ditiro tsa ditlamo tse di kgethegileng.

Page 16: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Athikele 59

Mokgatlho o tla, fa go le maleba, simolola dipuisano magareng ga dinaga tse di amegang tebang le go tlhamo e nngwe le e nngwe ya ditlamo tse di kgethegileng tse di tlhokagalang tebang le go phitlhelelo ya maikaelelo a a beilweng mo Athikele 55.

Athikele 60

Maikarabelo a thebolo ya ditiro tsa Mokgatlho a a beilwemg mo Kgaolong e a tla rwalwa ke Kokoano Kakaresto le, ka fa tlase ga taolo ya Kokoano Kakaretso, mo Khanseleng ya Ikonomi le Loago, eo e tla nnane le tebang le lebaka le dithata tse di beilweng mo Kgaolo X.

KGAOLO X

KHANSELE YA IKONOMI LE LOAGO

Tlhamo

Athikele 61

1. Khansele ya ikonomi le loago e tla nna le Maloko a le masome a matlhano le bone a Ditšhaba Kopano a a tlhophilweng ke Kokoano Kakaretso.

2. Go lebeletswe metheo ya tema 3, maloko a le somerobedi a Khansele ya Ikonomi le Loago a tla tlhophiwa ngwaga le ngwaga tebang le paka ya dingwaga di le tharo. Leloko le le rolang tiro le tla nna le tshiamelo ya ka bonako ya go tlhophiwa gape.

3. Kwa ditlhophong tsa ntlha morago ga tlhatlhoso ya boleloko jwa Khansele ya Ikonomi le Loago go tswa go seme a mabedi le bosupa go ya go some a matlhano le bone, ka tlaleleletso go maloko a a tlhophilweng mo boemong jwa maloko a le robongwe ao paka ya bona mo kantorong e yang bokhutlong kwa bofelong jwa ngwaga e le nngwe, maloko a tlaleletso a le some a mabedi le bosupa a tla tlhophiwa. Mo malokong a le some a mabedi le bosupa a tlaleletso, paka ya kantoro ya maloko a le robongwe e tla khutla kwa bofelong jwa ngwaga e le esi, mme paka ya maloko a mangwe a le robongwe e tla khutla kwa bofelong jwa ngwaga di le pedi, go ya ka dithulaganyo tse di dirilweng ke Kokoano Kakaretso.

4. Leloko lengwe le lengwe la Khansele ya Ikonomi le Loago le tla nna le kemedi e le esi.

Ditiro le Dithata

Athikele 62

1. Khansele ya Ikonomi le Loago e ka dira kgotsa ya simolola dithuto le dipegelo go lebeletswe ikonomi, loago, setso, thuto le merero e e amanang ya boditšhabatšhaba mme e ka dira dikatlenegiso go lebeletswe merero e e

Page 17: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

jaana go Kokoano Kakaretso, go Maloko a Ditšhaba Kopano, le ditlamo tse di kgethegileng di amega.

2. E ka dira dikatlenegiso tebang le mabaka a go tsweletsa tlotlo tebang, le tiragatso ya, ditshwanelo tsa botho le metheo ya kgololosego ya botlhe.

3. E ka rulaganya dikopanokakangwa tebang le boineelo go Kokoano Kakaretso, go lebeletswe merero e e welang mo gare ga bokgoni jwa bona.

4. E ka bitsa, go ya ka melao e e rebotsweng ke Ditšhaba Kopano, khomferense ya boditšhabatšhaba ka merero ee welang mo gare ga bokgoni jwa yona.

Athikele 63

1. Khansele ya Ikonomi le Loago e ka tsena mo tumalanong le nngwe le nngwe ya ditlamo tse di umakilweng mo Athikele 57, e e tlhalosang melawana eo e leng gore setlamo se se amegang se tseng ka yona mo kgolaganong le Ditšhaba Kopano. Dikgolagano tse di jalo di tla diragadiwa morago ga go rebolwa ke Kokoano Kakaretso.

2. E ka gokagana ditiro tsa ditlamo tse di kgethegileng ka dipuisano le dikatlenegiso go ditlamo tse di jalo le ka dikatlenegiso go tswa go Kokoano Kakaretso le go Maloko a Ditšhaba Kopano.

Athikele 64

1. Khansele ya Ikonomi le Loago e ka tsaya dikgato tse di maleba go bona pegelo tsa ka gale go tswa kwa ditlamo tse di kgethegileng. E ka dira dithulaganyo le Maloko a Ditšhaba Kopano le ditlamo tse di kgethegileng go bona dipegelo ka ga dikgato tse e di tshotseng go neela ka tirafatso mo dikatlenegisong tsa bona le go dikatlenegiso mo mererong e e welang mo gare ga bokgoni jo bo dirilweng ke Kokoano Kakaretso.

2. E ka buisana le Kokoano Kakaretso ka diphitlhelelo tsa bona mo dipegelong tse.

Athikelee 65

Khansele ya Ikonomi le Loago e ka neela Khansele ya Pabalesego tshedimosetso mme e tla thusa Khansele ya Pabalesego fa e e kopa.

Athikele 66

1. Khansele ya Ikonomi le Loago e tla dira ditiro tse di jalo jaaka di latela mo bokgoning jwa yona mabapi le go diragatsa dikatlenegiso tsa Kokoano Kakaretso.

2. E ka, ka thebolo ya Kokoano Kakaretso, dira ditirelo ka kopo go tswa go Maloko a Ditshaba Kopano le ka kopo ya ditlamo tse di kgethegileng.

Page 18: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

3. E tla dira ditiro tse dingwe tse di jalo jaaka di tlhalositswe mo chateng ya ga jaana kgotsa jaakae ka neelwa go yona ke Kokoano Kakaretso.

Go tlhopha

Athikele 67

1. Leloko le lengwe le lengwe la Khansele ya Ikonomi le Loago le tla nna le tlhopho e le esi.

2. Ditshweetso tsa Khansele ya Ikonomi le Loago di tla dirwa ke bontsi jwa maloko a a leng gona mme ba tlhopha.

Tsamaiso

Athikele 68

Khansele ya Ikonomi le Loago e tla tlhama dikhomišene mo maphateng a ikonomi le loago le tebang le tsweletso ya ditshwanelo tsa botho, mme dikhomišene tse dingwe tse di jalo jaaka go ka tlhokega tebang le tiragatso ya ditiro tsa tsona.

Athikele 69

Khansele ya Ikonomi le Loago e tla laletsa Maloko mangwwe le mangwe a Ditshaba Kopano go tsaya karolo, kwa ntle ga go tlhiopha, mo dipuisanong tsa bona ka ga merero e e amang Leloko leo.

Athikele 70

Khansele ya Ikonomi le Loago e ka dira dithulaganyo tebang le kemedi ya ditlamo tse di kgethegileng go nna le seabe, kwa ntle ga go tlhopha, mo dipuisanong tsa bona le tsa dikhomišene tse di tlhomilweng ke yona, le gore dikemedi tsa yona di nne seabe mo dipuisanong tsa ditlamo tse di kgethegileng.

Athikele 71

Khansele ya Ikonomi le Loago e ka dira dithulaganyo tse di maleba tebang le dipuisano le mekgatlho eo e seng ya puso eo e tshwenyegileng ka merero e e leng mo gare ga bokgoni jwa bona. Dithulaganyo tse di jalo di ka diriwa le mekgatlho ya boditšhabatšhaba le, fa go tlhokegang, mekgatlho ya setshaba morago ga go buisana le Leloko le le amegang la Ditšhaba Kopano.

Athikele 72

1. Khansele ya Ikonomi le Loago e tla amogela melao ya yona ya tsamaiso, go tsenyeletsa le mokgwa wa go tlhopha Poresidente ya yona.

2. Khansele ya Ikonomi le Loago e tla kopana jaaka go tlhokega go ikaegilwe ka melao ya yona, eo e tla tsenyeletsang maemo tebang le go bitsa dikopano mo kopong ya bontsi jwa maloko.

Page 19: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

KGAOLO XI

KITSISO MABAPI LE DINAGA TSE DI SA IPUSENG

Athikele 73

Maloko a Ditšhaba Kopano ao a setseng kgotsa simolotseng maikarabelo tebang le tsamaiso ya dinaga tseo baagi ba iseng ba bone boipuso jo bo feletseng ba bona metheo ya gore dikgatlhego tsa baagi ba dinaga tseo di botlhokwa,mme e amogela jaaka sacrd trust maikarabelo go tsweletsa kwa godimo, mo gare ga tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya boditshabatshaba ka Maikano a ga jaana, katlaatlelo ya dinaga tse, le, go fitlhela fa:

a. go netefatsa,go lebeletswe setso sa batho ba ba amegang, dipolotiki tsa bona,ekonomi,loago le tlhabololo ya thuto, go tshwarwa ga bona,le go sireletswa ga bona kgatlhanong le ditshotlakako;

b. go tlhama boipuso,go ela tlhoko dikeletso tsa batho tsa sepolotiki, le go ba thusa mo tswelelopeleng ya bona ya ditheo tse di senang polotiki, go ya ka maemo a a rileng a naga e nngwe le e nngwe le batho ba yona le dinako tsa tsweletsopele;

c. go tsweletsa kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba;

d. go tsweletsa dikgato tse di mosola tsa tlhabololo, go rotloetsa patlisiso, le go dirisana le yo mongwe le yo mongwe , le dikarolo tse di kgethegileng tsa boditshabatshaba go lebeletswe phitlhelelo e e bonagalang ya loago, ikonomi, le mosola wa saense e e umakilweng mo Athikeleng e; le

e. go phasalatsa ka gale go Mokwaledi Kakaretso tebang le mabaka, go lebeletswe seelo jaaka pabalesego le dipuisano tsa molaotheo di ka tlhoka, dipalopalo le tshedimosetso e nngwe ya mofuta wa setegeniki o o amanang le ikonomi,loago,le maemo a thuto mo dinageng tseo e leng gore ba rwele maikarabelo ntle le dinaga tse di amiwang ke Dikgaolo XII le XIII .

Athikele 74

Maloko a Ditšhaba Kopano a dumela gape gore pholisi ya bona go lebeletswe dinaga tse e leng gore Kgaolo e e a direga, go sa nyatsiwe dikgaolo tsa tsona tsa bo mmasepala, di tshwanetse tsa bewa mo mothokakaretso wa boagisane jo bo siameng, go lebeletswe dikgatlhego le katlaatlelo ya lefatshe lotlhe, mo ikonoming, mo loagong, le merero ya dikgwebo.

Page 20: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

KGAOLO XII

TSAMAISO YA BOTLHOKOMEDI JWA BODITSHABATSHABA

Athikele 75

Ditšhaba Kopano di tla tlhoma ka fa tlase ga taolo ya yona tsamaiso ya botlhokomedi jwa boditšhabatšhaba tebang le tsamaiso le botsamaisi jwa dinaga tse di jalo jaaka di ka bewa ka ditumelano tse di latelanang tsa mong.

Athikele 76

Maikaelelo a motheo wa tsamaiso ya botlhokomedi, go ya Maikaelelo a Ditšhaba Kopano tse di tlhalositsweng mo Athikele 1 ya Maikano a ga jaana, e tla nna:

a. go tsweletsa kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba;

b. go tsweletsa tlhabololo ya sepolotiki, ikonomi, loago, le tlhabololo ya thuto ya baagi ba dinaga tse di mo tlhokomelong, le tlhabologo e e tsweletseng go isa kwa boipusong kgotsa boipuso jaaka e ka nna maleba go maemo a a jalo a naga e nngwe le e nngwe le batho ba yona le go bua ka phuthologo dikeletso tsa batho ba ba amegang, le jaaka go ka neelwa ke mabaka a tumelano ya botlhokomedi;

c. go rotloetsa tlotlo tebang le ditshwanelo tsa botho and tebang le metheo ya kgololosego ya botrlhe go sena kgethololo ya lotso, bong, puo, kgotsa tumelo, le go rotloetsa go bonwa ga boipuso jwa batho ba lefatshe lotlhe; le

d. go netefatsa tsholo e e lekalekanang mo loagong, ikonomi, le merero ya kgwebo tebang le Maloko otlhe a Ditšhaba Kopano le ditšhaba tsa bona, le tsholo e e lekalekanang tebang le bona mo tsamaisong ya bosiami, ntle le go kgethololo go kgonagalo ya go maikaelelo a a fetileng and go ya ka metheo ya Athikele 80.

Athikele 77

1. Tsamaiso ya botlhokomedi e tla ama dinaga mo dikhategoring tse di latelang jaaka di ka beiwa ka fa tlase ka mokgwa wa ditumelano tsa botlhokomedi:

a. dinaga tse jaanong di tshwerweng ka fa tlase ga taolelo;

b. dinaga tse di ka ntshiwang mo go tswa mo mebusong ya mmaba e le ditlamorago tsa Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe; le

c. dinaga tse di ithaopileng go nna ka fa tlase ga tsamaiso ke dinaga tse di rweleng maikarabelo tebang le tsamaiso ya bona.

Page 21: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

2. E tla nna mabaka a tumelano ya tatelano jaaka gore ke dinaga dife mo khategoring ya tlogelo di tla tlisiwa ka fa tlase ga tsamaiso ya botlhokomedi le ka fa tlase ga melawana efe.

Athikele 78

Tsamaiso ya botlhokomedi ga e kitla e ama dinaga tseo di nnileng Maloko a Ditšhaba Kopano, kamanomagareng e tla ikaega ka tlotlo tebang le metheo ya tekatekano ya boipuso.

Athikele 79

Melawana ya botlhokomedi tebang le naga go bewa ka fa tlase ga tsamaiso ya botlhokomedi, go tsenyeletsa le paakanyo kgotsa tlhabololo, e tla dumelelwa kwa pele ke dinaga tse di amegileng di e lebagane,go tsenyeletsa le dithata tsa botlhe mo kgetseng ya dinaga tse di tshwerweng ka fa tlase ga taolelo ka Leloko la Ditšhaba Kopano, mme di tla rebolwa jaaka di neetswe mo Diathikeleng 83 le 85.

Athikele 80

1. Ntle le fa go ka bo go dumelwane pele mo ditumelanong tsa botlhokomedi jwa mong, tse di dirilweng ka fa tlase ga Diathikele 77, 79, le 81, go bewa naga e nngwe le e nngwe ka fa tlase ga tsamaiso ya botlhokomedi,mme go fitlhela ditumelano tseno di feditswe, ga go sepe mo Kgaolong eno se se tla tlhalosiwang kgotsa e ipaakanya ka boyona ka mokgwa mongwe ditshwanelo tsotlhe tsa dinaga dingwe kgotsa batho bangwe kgotsa melawana ya didiriswa tsa Ditshaba Kopano ya ga jaana eo Leloko la Ditshaba Kopano e ka nnang maloko ka tatelano.

2. Tema 1 ya Athikele e ga e kitle e tlhaloswa jaaka go neela mabaka tebang le tiego kgotsa iswapele ya dipuisano le phetso ya ditumelano tebang le go baya taolelo le dinaga tse dingwe ka fa tlase ga tsamaiso ya botlhokomedi jaaka e neetswe mo Athikeleng 77.

Athikele 81

Tumelanoya botlhokomedi mo kgetseng e nngwe le e nngwe etla tsenyeletsamelawana eo e naga e e tlhokometseng e tla tsamaisiwang le tlhopha taolo e e tla dirisang tsamaiso ya naga ya tlhokomelo. Taolo e e jalo, morago ga moo e tla bidiwa taolo tsamaiso, e ka nna nngwe kgotsago feta dinaga di le dintsi kgotsa Mokgatlho ka bo ona.

Athikele 82

Di ka nna tsa bo di tlhophilwe, mo tumalanong e nngwe le e nngwe ya botlhokomedi, lefelo kgotsa mafelo a togamaano ao a ka tsenyeletsang karolo kgotsa naga yotlhe eo e leng gore tumelano e a e ama, ntle le kgethololo go nngwe le nngwe ya tumelano kgotsa ditumelano tse di kgethegileng tse di dirilweng ka fa tla se ga Athikele 43.

Page 22: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Athikele 83

1. Ditiro tsotlhe tsa Ditšhaba Kopano tse di amang mafelo a togamaano, go tsenyeletsa le melawana ya thebolo ya ditumelano tsa botlhokomedi le paakanyo kgotsa tlhabololo ya bona, e tla dirwa ke Khansele ya Pabalesego.

2. Maikaelelo a motheo a a betsweng pele mo Athikeleng 76 a tla ama batho ba lefelo le lengwe le lengwe la togamaano.

3. Khansele ya Pabalesego e tla, go ya ka metheo ya ditumelano tsa botlhokomedi le ka go se kgethololeng go tshekatsheko ya pabalesego, Ie go iponatsa go thusa go Khansele ya Botlhokomedi go dira ditiro tseo ta Ditšhaba Kopano tse di amanang le polotiki,ikonomi,loago,le merero ya thuto mo mafelong a togamaano.

Athikele 84

E tla nna tiro ya taolo e e tsamaisang go netefatsa gore naga e tla tshnameka karolo ya yona mo tsamaisong ya kagiso le pabalesego ya boditšhabatšhaba. Go fitlhelela fa taolo e e laolang e kadirisa sesole sa boithaopi, didiriswa, le thuso go tswa go naga e e tlhokometsweng mo go direng maikaelelo go tumelo ya Khanesele ya Pabalesego mo lebakeng le, go tsenyeletswa le sesole sa selegae le tsamaiso ya molao le tolamo mo gare ga naga e e tlhokometsweng.

Athikele 85

1. Ditiro tsa Ditšhaba Kopano mabapi le ditumelano tsa botlhokomedi tebang le mafelo otlhe a a kaiwang e le a togamaano, go tsenyeletswa le thebolo ka fa tlase ga melawana ya botlhokomedi le paakanyo le tlhabololo ya bona,di tla dirwa ke Kokoano Kakaretso.

2. Khansele ya Botlhokomedi, e dira ka fa tlase ga taolo ya Kokoano Kakaretso, e tla thusa Kokoano Kakaretso mo go direng ditiro tsa yona.

KGAOLO XIII

KHANSELE YA BOTLHOKOMEDI

Botlhokomedi

Athikele 86

1. Khansele ya Botlhokomedi e tla dirwa ke Maloko a Ditšhaba Kopano a a latelang:

a. Maloko a a tsamaisang dinaga tse di mo tlhokomelong;

b. Bangwe ba Maloko a a umakilweng ka leina mo Athikele 23ga a tsamaisi dinaga tsa tlhokomelo; le

Page 23: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

c. jaaka bontsi jwa Maloko a mangwe a tlhophilwe tebang le paka ya dingwaga di le tharoke Kokoano Kakaretso jaaka go ka nna botlhokwa go netefatsa gore palogotlhe ya maloko a Khansele ya Botlhokomedi e aroganngwa ka go lekana magareng ga Maloko a Ditšhaba Kopano a a tsamaisang dinaga tsa tlhokomelo le bao ba sa direng.

2. Leloko le lengwe le lengwe la Khansele ya Botlhokomedi le tla tlhopha motho yo o nang le bokgoni jo bo kgethegileng go e emela kwa teng.

Ditiro le Dithata

Athikele 87

Kokoano Kakaretso le, ka fa tlase ga taolo ya yona, Khansele ya Botlhokomedi, mo go direng ditiro tsa yona , e ka:

a. sekaseka dipegelo tse di tlisitsweng ke taolo e e tsamaisang;

b. amogela diphetišine le go di tlhatlhoba ka dipuisano le taolo e e tsamaisang;

c. e neele tebang le diketelo tse di kgoreleditsweng go dinaga tsa tlhokomelo tse di rileng ka nako e e dumelanweng le taolo ya botsamaisi le

d. tsaya tse le dikgato tse dingwe ka tumelano le melawana ya ditumelano tsa botlhokomedi.

Athikele 88

Khansele ya Botlhokomedi e tla tlhama dipotso ka polotiki, loago, le tswelediso ya thuto ya baagi ba naga e nngwe le e nngwe mo gare ga naga, le taolo e e tsamaisang tebang le nngwe le nngwe ya dinaga tse di mo gare ga tiro ya Kokoano Kakaretso e tla dira pegelo ya ngwaga le ngwaga go Kokoano Kakaretso go ikaegile ka dipotso tse di jalo.

Go tlhopha

Athikele 89

1. Leloko le lengwe le lengwe la Khansele ya Botlhokomedi le tla nna le tlhopho e le esi.

2. Ditshweetso tsa Khansele ya Botlhokomedi di tla diriwa ke bontsi jwa maloko a a leng gona mme a tlhpha.

Tsamaiso

Athikele 90

1. Khansele ya Botlhokomedi e tla amogela melao le tsamaiso ya yona, go tsenyeletsa le mekgwa ya go tlhopha Poresidente.

Page 24: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

2. Khansele ya Botlhokomedi e tla fitlhelela jaaka go ya ka melao ya yona, e e tla tsenyeletsang motheo tebang le go bitsa dikopano ka kopo ya bontsi jwa maloko a yona.

Athikele 91

Khansele ya Botlhokomedi e tla, fa go le maleba, e iponatsa go thusa Khansele ya Ikonomi le Loago le ditlamo tse di khethegileng mabapi le mereo eoe leng gore di a amega ka tatelano.

KGAOLO XIV

KGOTLHATSHEKELO YA BOSIAMISI YA BODITŠHABATŠHABA

Athikele 92

Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya boditshabatshaba e tla nna lephata le legolola Ditshaba Kopano. E tla dira go ya ka Molao o o mametleletsweng, o o ikaegileng ka Molao wa Leruri wa Kgotlatshekelo ya Bosiamisi ya boditšhabatšhaba mme e tlhama karolo e e botlhokwa mo Maikanong a ga jaana.

Athikele 93

1. Maloko otlhe a Ditšhaba Kopano ke maloko a boammaruri go Molao wa Kgotlatshekelo ya Bosiamisi ya Boditšhabatšhaba.

2. Naga eo e seng Ditšhaba Kopano e nna leloko go Molao wa Kgotlatshekelo ya Bosiamisi ya Boditšhabatšhaba mo go tla tlhomamisang mo kgetseng e nngwe le e nngwe ke Kokoano Kakaretso go ya ka dikatlenegiso tsa Khansele ya Pabalesego.

Athikele 94

1. Leloko le lengwe le lengwe la Ditšhaba Kopano le ikana go dumelana le tshweetso ya Ditšhaba Kopano mo kgetseng e nngwe le e nngwe eo e leng gore ke karolo.

2. Fa karolo nngwe e retelelwa ke go diragatsa maitlamo a ga jaana a e leng a yona ka fa tlase ga katlholo e e netsweng ke kgotlhatshekelo, karolo e nngwe e ka nna le tlhopho go Khansele ya Pabalesego, eo e ka, fa e bona go tlhokega, dira dikatlenegiso kgotsa go swetsa ka dikgato tse di ka newang go neelwa go katlholo.

Athikele 95

Sepe se se mo Maikanong ya ga jaana se tla thibela Maloko a Ditšhaba Kopano go sa tshepeng tharabololo ya dipharologano tsa bona kwa tshekong e nngwe ka boleng jwa ditumelano tse di setseng si le gona kgotsa tse di fediwang mo isagong.

Page 25: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Athikele 96

1. Kokoano Kakaetso kgotsa Khansele ya Pabalesego e ka kopa Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya boditšhabatšhaba go neela ka kgakololo mo potsong e nngwe le e nngwe ya semolao.

2. Maphata a mangwe a Ditšhaba Kopano le ditlamo tse di kgethegileng, tseo ka nako nngwe le nngwe di ka laolwang ke Kokoano Kakaretso, di ka kopa kgakololo ya Kgotlatshekelo ka ga dipotso tsa semolao tse di tlhagelelang mo scope sa ditiro tsa yona.

KGAOLO XV

BOKWALEDI

Athikele 97

Bokwaledi bo tla nna le Mokwaledi Kakaretso le badirammogo ba ba jalo jaaka Mokgatlho o ka tlhoka. Mokwaledi Kakaretso o tla thapiwa ke Kokoano Kakaretso go ya ka dikatlenegiso tsa Khansele ya Pabalesego. O tla nna motsamaisimogolo wa Mokgatlho.

Athikele 98

Mokwaledi Kakaretso o tla dira mo maemong ao mo dikopanong tsotlhe tsa Kokoano Kakaretso, tsa Khansele ya Pabalesego, tsa Khansele ya Ikonomi le Loago, le Khansele ya Botlhokomedi, mme o tla dira ditiro tse dingwe tse di jalo jaaka a di neetswe ka tshepo ke maphata. Mokwaledi Kakaretso o tla direla Kokoano Kakaretso pegelo ya ngwaga le ngwaga ka ga tiro ya Mokgatlho.

Article 99

Mokwaledi Kakaretso a ka tlisa merero mengwe le mengwe eo ka kakanyo ya gagwe e ka tshosetsang tsamaiso ya kagiso le pabalesego ya boditshabatshaba fa pale ga Khansele ya Pabalesego.

Athikele 100

1. Mo go direng ditiro tsa bona Mokwaledi Kakaretso le badirammogo ba ka se batle kgotsa go amogela ditaelo go tswa go puso e nngwe le nngwe kgotsa go tswa go taolo nngwe le nngwe e e kwa ntle ga Mokgatlho. Ba tla ikgogela morago go tswa go kgato nngwe le nngwe e e ka mo maemong a bona jaaka baofisiri ba boditsahabatshaba rwele maikarabelo go Mokgatlho fela.

2. Leloko lengwe le lengwe la Ditshaba Kopano le ikana go tlotla pharologano e e kgethegileng ya boditshabatshaba ya maikarabelo a Mokwwaledi Kakaretso le badirammogo mme a sa batle go ba susumetsa mo go direng maikarabelo a bona.

Page 26: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

Athikele 101

1. Badirammogo ba tla thapiwa ke Mokwaledi Kakaretso ka fa tlase ga melao e e tlhomilweng ke Kokoano Kakaretso.

2. Badirammogo ba ba maleba ba tla newa ditiro tsa leruri go Khansele ya Ikonomi le Loago, Khansele ya Botlhokomedi, le,jaaka go tlhokega, go maphata a mangwe a Ditšhaba Kopano.Badirammogo bano ba tla tlhama karolo ya Bokwaleedi.

3. Dipuisano tse dikgolo mo go thapiweng ga badirammogo le mo maikaelelong a maemo a tiro e tla nna tlhoko ya go bona maemo a a kwa godimo a nonofo, bokgoni, le boikanyego. Ditebogo di tla neelwa go botlhokwa jwa go gogea badirammogo ka bontsi jwa tikologo jaaka go kgonega.

KGAOLO XVI

METHEO YA TSELE LE TSELE

Athikele 102

1. Konteraka e nngwe le e nngwe le tumelano e nngwe le e nngwe e e tsenetsweng ke Leloko lengwe le lengwe la Ditšhaba Kopano morago ga Chata ya ga jaana e nnamo tirisong e tla ka bonako jo bo kgonagalang e kwadisiwa le Bokwaledi le go phasalatswa ke yona.

2. Ga gona lekoko go konteraka kgotsa tumelano e e sa kwadisiwang go ya ka metheo ya tema 1 ya Athikele e e ka ikuelang gore konteraka kgotsa tumelano fa pele ga lephata la Ditšhaba Kopano.

Athikele 103

Ga go ka nna le kgotlhang magareng ga maikarabelo a Maloko a Ditshaba Kopano ka fa tlase ga Maikanong a ga jaana le maikarabelo a bona ka fa tlase ga nngwe ya ditumelano tsa bona, maikarabelo a bona ka fa tlase ga Maikano a ga jaana a tla diriwa.

Athikele 104

Mokgatlho o tla itumelela mo nageng e nngwe le e nngwe e Maloko a yona a nang le bokgoni jwa molao o o jalo jaaka go tla nna botlhokwa tebang le go dira ditiro tsa yona le go fitlhelela maikaelelo a tsona.

Athikele 105

1. Mokgatlho o tla itumelela naga ya Leloko le lengwe le lngwe o ditshwanelo le ditshireletso tse di jalo di le botlhokwa tebang le go fitlhelela maikaelelo a tsona.

Page 27: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

2. Dikemedi tsa Maloko a Ditšhaba Kopano le Baofisiri ba Mokgatlho le bona ba tla itumelela ditshwanelo le ditshireletso jaaka di le botlhokwa tebang le go dira ka phuthologo ditiro tsa bona tse di amang Mokgatlho.

3. Kokoano Kakaretso e ka dira dikatlenegiso ka pono ya go tlhama dintlha tsa tiragatso ya ditema 1 le 2 ya Athikele e kgotsa e ka kopa dikopano go Maloko a Ditšhaba Kopano tebang le lebaka e.

KGAOLO XVII

DITHULAGANYO MAGARENG TSA PABALESEGO

ATHIKELE 106

Go santse go lebeletswe tiragatso ya ditumelano tse di kgethegileng jalo tse di umakilweng mo Athikele 43 jaaka mo kakanyong ya Khansele ya Pabalesego e e letla go e simolola go dira maikarabelo a yona ka fa tlase ga Athikele 42, baamegi go Tumelano ya Dinaga di le Nne, e e saenilweng kwa Moscow, 30 Diphalane 1943, le France, e tla, ka go latela metheo ya tema 5 ya Tumelano eo, di buisana le jaaka tiragalo e batla le Maloko a mangwe a Ditshaba Kopano ka pono go kgato tshwaraganelo mo boemong jwa Mokgatlho jaaka go ka nna botlhokwa tebang le maikaelelo a go tsamaisa kagiso le pabalesego ya boditshabatshaba.

Athikele 107

Sepe mo Maikanong a ga jaana se tla fedisa kgotsa se tla thibela kgato, mabapi le naga eo ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe e nnileng mmaba wa maloko a Chata ya ga jaana, e tserwe kgotsa e rebotswe e le ditlamorago tsa dipuso tsse di nang le maikarabeloa kgato e e jalo.

KGAOLO XVIII

DITLHABOLOLO

Athikele 108

Ditlhabolo go Maikano a ga jaana di tla diragalela Maloko otlhe a Ditshaba Kopano fa di amogetswe ka tlhopho ya pedi tharong ya maloko a Kokoano Kakaretso mme di rebotswe go ya ka ditsamaiso tsa tatelano ya molaotheo ka pedi tharong ya maloko a Ditšhaba Kopano, go tsenyeletsa le maloko otlhe a leruri a Khansele ya Pabalesego.

Athikele 109

1. Khomferense ya Kakaretso ya Maloko a Ditšhaba Kopano tebang le mabaka a go lebelela sešwa Maikano a ga jaana e ka tshwarwa ka letlha le lefelo le le sa fetogeng ka pedi tharong ya maloko a Kokoano Kakaretso le ka tlhopho ya maloko a mangwe le a mangwe a le robongwe Khansele ya Pabalesego. Leloko lengwe le lengwe la Ditšhaba Kopano le tla nna le tlhopho e le esi.

Page 28: Maikano a Ditšhaba Kopanounic.un.org/aroundworld/unics/common/documents...Maikano a Ditšhaba Kopano MATSENO RONA BATHO BA DITŠHABA KOPANO RE TLHOMAMISA go boloka losika lo lo latelang

2. Pakaaanyo e nngwe le e nngwe ya Maikano a ga jaana e e dumeletsweng ke pedi tharong ya tlhopho ya khomferense e tla tsena tirisong fa e rebotswe go ya ka tsamaiso ya tatelao ya Molaotheo ke pedi tharong ya Maloko a Ditšhaba Kopano go tsenyeletsa le maloko a leruri a Khansele ya Pabalesego.

3. Fa khomferense ya mofuta o e ise e tshwarwe pele ga kopano ya bolesome ya ngwaga le ngwaga ya Kokoano Kakaretso go latela go tsena tirisong ga Maikano a ga jaana, kopo ya go bitsa khomferense e e jaana e tla bewa mo diteng tsa kopano eo ya Kokoano Kakaretso, mme khomferense e tla tshwarwa fa go sweditse bontsi jwa ditlhopho tsa maloko a Kokoano Kakaretso le ka tlhopho ya maloko mangwe le mangwe a le supa a Khansele ya Pabalesego.

KGAOLO XIX

THEBOLO LE TSHAENO

ATHIKELE 110

1. Maikano a ga jaana a tla rebolwa ka ditshaeno ts dinaga go ya ka tsamaiso ya tatelano ya molaotheos.

2. Di tla bewa le Puso ya Dinaga tse di kopaneng tsa Amerika eo e tla itsiseng dinaga tse di saenang gammogo le Mokwaledi Karetso wa Mokgatlho fa a thapilwe.

3. Maikano a ga jaana a tsena tirisong fa dipositi ya Rephaboliki ya China, France, the Union of Soviet Socialist, the United King- dom of Great Britain and Northern Ireland, le dinaga tse di kopaneng tsa America, le kabontsi jwa ditshaneno tsa maloko. Tsamaiso ya baoba dipositileng e tla jaano kwalwa ke Puso ya dinaga tse di kopaneng tsa amerika eo e tla neelang dikhopi go dinaga tsotlhe tse di saenang.

4. Ditshaeno tsa dinaga mo Maikanong a ga jaana eo e e rebolang morago ga e sena go tsena tirisong e tla nna maloko a tsimologo a Ditšhaba Kopano ka letlha la di dipositi tsa thebolo ya bona.

Athikele 111

Maikano a ga jaana, ao e leng gore, mokwalo wa Chinese, French, Russian, English, le Spanish di lekana ka bonnete, di tla nna di le mo diakhaefeng tsa Puso ya Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika. Dikhopi tse di netefaditsweng di tla isiwa ke Puso eo go Dipuso tse dingwe tsa dinaga tse di saenang states.

KA TUMELO YA GORE dikemedi tsa Dipuso tsa Ditšhaba Kopano ba saenile Maikano a ga jaana.

E DIRILWE KWA toropong ya San Francisco ka letsatsi la bo some a mabedi le borataro la Seetebosigo, kete nngw makgolo a robongwe le some a mane le botlhano.